Breaking News

BOPEU e kgathala ka maloko

11 Apr 2016

Moeteledipele wa lekgotla la babereki la Botswana Public Employees Union (BOPEU) Rre Andrew Motsamai, a re lekgotla leo le lemoga seabe sa maloko a lone.

Rre Motsamai o buile se kwa Jwaneng ka Matlhatso fa baeteledipele le badiri ba lekgotla leo ba ne ba etetse toropo eo go go kopana le maloko gammogo le go kwadisa a masha. 

Maikaelelo e ne e le go isetsa batho ba kgaolo ya Jwaneng le metse e e mabapi ditirelo le gone go arogana megopolo.

Rre Motsamai a re seabe sa maloko se segolo ka jalo ba bone go tshwanela gore ba tsamae lefatshe ka bophara go ba tsibosa ka ditirelo tsa mokgatlho wa bone.

A re e re ka jaana mo bogompienong bodirelapuso bo faraferwe ke dikgang, go botlhokwa gore boeteledipele jwa BOPEU bo etele maloko go tlhalosa dikgang tse ka botlalo ka jaana di ama maloko a bone. A re dingwe tsa dikgang tseo ke go tsamaya ba tlhalosetsa maloko a bone gore ke ka mabaka afe ba boneng go tshwanela go amogela kokeletso dituelo ya boraro mo lekgolong e puso e e fileng badirelapuso bosheng.

Rre Motsamai a re lekgotla la BOPEU le itlamile go tswelela le emela babereki ka dikgang tse di ba amang le gone go tlisa ditirelo tse di maleba kwa malokong. 

A re mo thulaganyong ya go lekola maloko le go itsise batho ka ditirelo tsa BOPEU, ba bone go tshwanela gore ba golagane le batsayakarolo ba ba farologaneng ba akaretsa Babereki Investments, Bank ABC, Orange Botswana le Hollard Insurance.

Modulasetilo wa Babereki SACCOS,  Rre Phemo Matlhogela ene o ne a kopa batho go ikwadisa mo koporaseng eo ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go ipolokela madi. A re koporase eo e itebagantse le go thusa babereki ba puso gammogo le dikhamphani tse di amanang le puso gore ba ipolokele madi mme e bile ba na le sebaka sa go adima bontlha bongwe jwa dipoloko tsa bone.

Rre Matlhogela a re go botlhokwa gore babereki ba ipolokele madi ka jaana e le mokgwa wa go itirela dikhumo tse ba tlaa di akolang le ba dule mo bodireding jwa puso. 

E rile a tswa la gagwe, mokwaledimogolo wa BOPEU, Rre Tophias Marenga a lebogela banaleseabe ba ba tswang kgakala ba dirisanya le BOPEU kemonokeng e a reng e supa maitlamo a a nonofileng. 

A re Bank ABC e ne ya tsena mo botsalanong le BOPEU ka nako e lekgotla leo le ne le faraferwe ke dikgang.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Phuthego

Date : 11 Apr 2016