Ba amogela thuto ka go lwantsha diji
10 Apr 2016
Balemisi go tswa Ngamiland East Sub-crop Production ba tlhatlheleletse banni ba Samedupi ka ditsela tse di babalesegileng tsa go bolaya diji mo masimong.
Thuto e, e nnile teng morago ga gore balemi ba bolele fa ba sa robe sepe ka gore dijalo tsa bone di fetswa ke bojang jo bo fekeetsang dijalo go gola, mme segolo bogolo ba le bete se molangwana ka motlhwa o o anameng le masimo a bone.
Mme Keeme Jimmy wa lekalana la twantsho diji le mohero o tlhalositse fa ba ne ba tsibogela selelo sa banni ba Samedupi ka go tla go ba ruta ka go lwantsha motlhwa.
A re o dumela fa motlhwa o aga mo seolong ka jalo go le botlhokwa go bolaya khumagadi ya sone seolo seo, e e twaelesegileng ka go bidiwa mmaseolo.
A re fa khumagadi e bolailwe e fa molemi maikutlo a a monate ka jaanong seolo se tlaa bo se sa tlhole se bereka go na le fa go ka bo go dirisitswe methale e sele ya go bolaya.
Mme Jimmy o tlhalositse fa motlhwa o kgona go tsamaya sekgele se se leele ka fa tlase ga mmu.
Ka one mokgwa o, molemi o tshwanetse go itse se se mo tshimong ya gagwe ka dinako tsotlhe le fa se kabo se le kgakala le fa a lemetseng teng.
O ne a tswelela ka gore mefuta ya go bolaya diji e farologanye,ka bangwe ba tle ba bone go le botoka go dirisa melemo e e bolayang tsone diji tsa go tshwana le motlhwa ga mmogo le bojang. A re le fa go ntse jalo batho ba ele tlhoko gore melemo e, e tlhoka gore molemi a bo a na le lesedi la go bala dikaelo tsa go e dirisa ka go sa nneng jalo go ka baka ditlamorago tse di tlaa bong di sa siamela ba ba tlaa bong ba a ja tsone dijalo tseo.
Mme Jimmy o boletse gore melemo e ka tswa e sena tiro e e kalo fa e dirisiwa mme go nna go tla mabaka mangwe a a sa siamelang botsogo kwa morago.
O gakolotse balemi go ithuta go dirisa methale e e siameng jaaka go epa seolo se se mo masimong go kgona go bolaya motlhwa.
A re mo go nna motlhofo fa balemi ba dira molaletsa.
O supile fa mokgwa o, o ka tlhofofatsa tiro ya balemi ka ba ka kgona go fokotsa go ja ga motlhwa mo masimong a bone, a gatelela fa molaletsa o dira gore batho ba nne le mowa wa bojammogo.
E re a ntse a le mo dithutong a ba gakolola gore fa ba epa seolo ba tlaa bona mmu o mosetlha o o bidiwang khadi, mme one mmu o,o tlaa bo o ba kaela fa ba le gautshwane le go bona khumagadi ya motlhwa.
Mme Jimmy o tlhalositse fa balemi ba tshwanetse go tshuba seolo fa ba fetsa go bolaya khumagadi ya motlhwa.
A re mo e tlaa e bo e le go bolaya monko o o tlwaetsweng ke bana ba teng mme ba felele ba itlhoboga ba tswa mo seolong seo.
Rre Pelosera Ngande, mong wa tshimo e go neng go direlwa dithuto mo go yone o supile fa a itumetse thata ka a sale a utlwaletse mokgwa o wa go bolaya motlhwa ka balemi ba Seronga.
A re balemi ba, ba kwa ga mothakga ka jaanong ba sa tlhole ba tshwenngwa ke motlhwa mo masimong a bone.
A re morago ga dithuto ba tlaa bo ba ithulaganya ba bo ba bolotsa letsholo la go lwantsha motlhwa mo masimong a bone ka o ba feleditse dijalo.
Mo go tse dingwe, Rre Ngande o ne a tlhalosa fa a lemile furu, e e tlwaelesegileng ka go bidiwa lab-lab. A re o bonye go le botlhokwa go e lema ka dikgomo tsa gagwe di bolailwe ke leuba ngwaga o o fetileng.
A re o tlaa bo a e beela metlha ya komelelo go kgona go jesa leruo la gagwe.
Rre Ngande o tlhalositse fa e se ene fela a emeng ka dinao, a re balemi bangwe le bone ba tsere malebela mo go ene ba setse ba e lemile go kgona go thusa leruo la bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Montle Modisawamarole
Location : Maun
Event : Thuto
Date : 10 Apr 2016






