Bagologolo ba agile motheo wa popota
10 Apr 2016
Dikgosi tsa metse ya Gojwane, Serule le Damochojenaa di kopile banana go sala morago motheo o o tlhamilweng ke bagologolo ka ke one o o dirileng gore lefatshe la Botswana le bo le ipelafatsa ka setho le thokgamo e e renang mono.
Dikgosi di ne di bua se fa di ne di amogela molelo wa kgolagano kwa metseng ya tsone bosheng.
Kgosi Oletile Modisa wa Serule o ne a tlhalosa fa bagologolo ba ne ba dira ka diatla ba ithaopa kwa ntle ga dituelo dipe. Kgosi Modisa a re ba ne ba sa tsena dikole mme ba kgonne go tlhabolola lefatshe.
Kgosi Oletile a re mo nakong ya gompieno go ka seka ga nna bokete go gatela pele ka lefatshe le setse le ntshitse barutegi ba ba ka dirang go feta batsadi ba bogologolo.
Kgosi Oagile Ketlhaetse wa Gojwane o tlhalositse fa go simolola nako e lefatshe la Botswana le tsereng boipuso go fitlha mo nakong ya gompieno ga go ise go nne le tshololo ya madi.
A re se se thomamisiwa ke molelo wa kgolagano o o supang popagano le kagiso go ralala lefatshe go sa kgathalesege gore ba kgakala go le kae le ditlamelo.
Kgosi Ketlhaetse a re banana ba tshwanetse go tsaya malebela mo batsading ba bone ka go tswelela ba supa lerato le Batswana ba itsegeng ka lone.
Kwa motseng wa Damochojenaa Kgosi Motsholetsi Kebalepile a re banana ba tshwanetse go ithuta ditso tsa metse ya bone mo bagolong ba bone ba ise ba tlhokafale.
Kgosi Kebalepile a re ba tshwanetse go tlotla dikgosi tsa bone ka ke bone ba ba dirileng gore lefatshe la Botswana le bo le le fa le leng teng, a re botlhoka tsebe ga bo na maduo ape a mantle.
Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Gojwane, Rre Moses Modise a re e le banana ba metse eo, ba itlamile go tswelela ba dira ka natla go lwantsha botlhoka tsebe jo bo dirwang ke banana bangwe.
Rre Modise a re ba itlamile go bopa bana ba ba sa ntseng ba le kwa tlase ka dingwaga ba itsheegile ka matshego a tebelopele e e rulaganngwang ya 2036.
O tlhalositse fa ba itlamile go itlhamela ditiro le go thusa ba ba senang ditiro.
Rre Modise a re tsholofelo ya bone ke gore ka ngwaga wa 2036 go bo go sena monana yo o lalang ka tlala mme ba ka kgona se ka go bereka mmogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 10 Apr 2016






