Malema o kopa morafe go somarela ditso
10 Apr 2016
Kgosi Mmirwa Malema wa Babirwa o kopile morafe wa gagwe go somarela ditso tse di fitlhelwang mo mafelong a ba nnang mo go one.
O buile se mo potsolotsong mme a remeletse mo mabitleng a masole le mapodisi a lefatshe la Ennyelane a a fitlhelwang mo thoko ga tsela ya Bobonong – Molalatau, dikhilomithara di ka tshwara botlhano go tswa mo Bobonong mo lefelong le le bidiwang Fort Motloutse.
A re Fort Motloutse ke lefelo le masole le mapodisi a ba neng ba le dirisa e le kampa, diofisi tsa ditlhaeletsano e bile e le sepatela ka nako e John Cecil Rhodes a neng a tsamaela kwa bogare jwa Aferika.
Kgosi o boletse fa mabitla a, e le a masole le mapodisi a Ennyelane ba ba neng ba tlhokafala ka dingwaga tsa bo 1890 mo ntweng ya Ennyelane le Maburu a Aferika Borwa.
A re ntwa e, e ne ya tlhagoga nako e masole le mapodisi a, ba neng ba sireleditse lefatshe leno fa le ne le gomagomediwa go tsewa ke Maburu segolo jang kgaolo ya Tuli e go tlhalosegang fa e ne e na le lefatshe le le nonneng le siametse temo-thuo.
O boletse fa mabitla a, a a masome a mane ka palo e le a masole le mapodisi a Ennyelane ba ba neng ba thibeletse kwa Zimbabwe ka masika a bone go tswa Zimbabwe ba aga ba etela mabitla a go tla go bona fa batsadi kgotsa masika a bone, ba ba neng ba tsile mo Fort Motloutse ka tiro ya go sireletsa lefatshe leno, ba boloketsweng teng.
A re mabitla a, a ne a ageletswe ka majwe mme morago puso ya dira gore a agelelwe ka terata mme batho bangwe ba tsweletse ka go utswa diheke le terata e e ageletseng mabitla ao.
Kgosi Malema a re gaufi le mabitla ao go ne go na le dikago tsa diofisi tse go tlhalosegang fa di ne di dirisiwa jaaka lefelo la ditlhaeletsano, kampa ya sesole ga mmogo le sepatela fa e bile gape e le tsela e Cecil Rhodes yo o neng a eteletse masole a, a e dirisa go fetela kwa bogare jwa Aferika.
A re dikago tse, di ne tsa thujwa ke batho mme ba tsaya didirisiwa tse di neng di agile ga mmogo le didirisiwa tse di neng di tlogetswe foo di tshwana dintsho, dipitsa, disenke, ditena tse di neng di agile le didirisiwa tse dingwe ka go farologana.
O boletse fa dikago dingwe di ne tsa thujwa ke kompone e e neng e aga tsela ya Bobonong-Molalatau mme a begela ba lephata le le tlhokomelang ditso kgang ya teng mme le jaana ga ba ise ba bolelelwe ka ditshwetso tse di neng tsa tseelwa kompone eo mabapi le tshenyo eo.
A re mo dikagong tseo, go kile ga bo go na le mola wa mogala wa dithaeletsanyo o o neng o tswa fa dikagong tse o ya Tuli mme o fetele kwa lefatsheng la Zimbabwe mo go neng go supa fa masole a a ne a dirisana le a a neng a le kwa Zimbabwe.
O boletse fa lefelo le go neng go lwelwa mo go lone le sa ntse le itshupa ka go na le majwe a a tlhatlagantsweng a go neng go iphitlhwa mo go one fa go lowa.
Kgosi o kopile lephata le le tlhokomelang ditso go etela lefelo le mme ba bone gore masalela a a sa ntseng a le teng a ka somarelwa jang.
A re ditso tse di botlhokwa fela thata mo lefatsheng leno e bile go belaesega fa dingwe tsa tsone di ka tswa di sa kwalwa gope kgotsa di kwadilwe mme di sa kwala sentle.
O kopile Babirwa go tlotla le go tlhokomela ditso tse di fitlhelwang mo mafelong a ba nnang mo go one segolo jang kwa merakeng le masimo ka ditso tse dingwe di mo nageng e bile ga di ise di lemogiwe kgotsa di bonwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 10 Apr 2016






