Metsi a letamo ga se sennelaruri
10 Apr 2016
Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o kopile banni ba metse e e kwa Tswapong Bokone go tswa mo kakanyong ya gore letamo la Lotsane le le sa tswang go bulwa semmuso kwa Maunatlala le tlaa emisa letlhoko la metsi go ya go ileng.
A re Botswana o gomagomediwa ke leuba ka jalo go tlaa nna dinako dingwe mo isagong tse go tlaa sekeng go nne le dipula tse di tlaa tshelang metsi mo matamong mme kwa bofelong go nne le letlhoko la metsi.
Tautona Khama o ne a bua jalo kwa pulong semmuso ya letamo la Lotsane kwa Maunatlala ka Labone.
A re go fema seemo sa letlhoko la metsi kana go oketsa sebaka se letamo la Lotsane le ka nosang metse e e masome a mabedi le bobedi ya Tswapong Bokone, go na le se se ka dirwang mme se se turu.
A re batho ka bongwe ka bongwe ba ka fokotsa tshenyego ya metsi mme ba tsweletse ka go dirisa methale e mentsi ya tshomarelo ya metsi jaaka go tlhatswa metsi a bo a busediwa mo tirisong le gone go beeletsa metsi a pula go a dirisa.
O ne a gwetlha banni go tlhokomela letamo la bone le gone go begela ba ba lebanyeng fa ba itemogela tshenyo gone kwa dikagong tse di kwa letamong.
Tautona Khama o ne a rotloetsa banni go tswelela ka go rapelela pula le gone go lebogela pula e e sa tswang go na.
Dr Khama a re ga go na yo o neng a solofetse gore pula e tlaa na mo nakong e e neleng ka yone bogolo jang ka e le nako ya leuba.
A re mo dinakong tse di fetileng, go ne go sena pula ka dinako tsa leuba mme lefatshe leno le nnile lesego ka Modimo o ne wa utlwa dithapelo tsa Batswana mme matamo a tsena metsi ka selekanyo se se kwa godimo.
Ka jalo Tautona o ne a itsise banni fa e rile pele ga dipula di na, letamo la Lotsane la bo le na le selekanyo sa metsi sa 37 per cent mme mo nakong eno selekanyo sa metsi e le 99.7 per cent.
A re letamo la Gaborone ka Tlhakole le ne le na le selekanyo sa 1.7 per cent fa mo nakong eno le na le selekanyo sa 18 per cent fa letamo la Molatedi lone le ne le na le selekanyo sa 6 per cent mme mo nakong eno le na le selekanyo sa 40.7 per cent sa metsi.
O tsweletse a re letamo la Bokaa ka kgwedi ya Tlhakole le ne le na le selekanyo sa 6 per cent fa mo nakong eno le na le selekanyo sa 95.8 per cent mme la Nywane le ne le na le selekanyo sa 42 per cent mme mo nakong eno le na le selekanyo sa 97 per cent.
Tautona a re letamo la Letsibogo le ne le na le metsi a selekanyo sa 34 per cent fa mo nakong eno le na le selekanyo sa 77.8 per cent, la Shashe le ne le na le selekanyo sa 69 per cent mme le na le selekanyo sa 99.6 per cent monakong eno. Letamo la Ntimbale lone le ne le na le selekanyo sa 70 per cent mme mo gompieno le na le selekanyo sa 99.7 per cent fa la Dikgatlhong le ne le na le selekanyo sa 68 per cent mme jaanong le na le selekanyo sa 99.3 per cent.
Tona wa Meepo, Kgotetso le Metsi, Rre Kitso Mokaila, o ne a lebogela banni ba Maunatlala go bo ba ne ba nna le tirisano mmogo nako e puso e neng e ba kopa go aga letamo mo lefelong le go neng go na le mabitla a ba ga bone teng.
A re banni ba ne ba dumalana le puso go fudusa mabitla go sena mathata ape.
Rre Mokaila o tsweletse a re tiro ya go aga letamo la Lotsane e ne e le masisi thata ka jalo e ne ya lopa puso madi a a kana ka P1.2 billion.
O ne a lebogela gobo banni ba Maunatlala ba ne ba tsaya tshwetso ya gore e tlaa re letamo la bone le fela ba bo ba ipaakanyetsa matlo a bone fa a ka nna le tshenyego e e bakilweng ke letamo.
E ne e rile go le pele motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Sediegeng Kgamane, a bolela fa metsi a le botlhokwa fela thata mo matshelong a batho ka jalo a tlhokana le go somarelwa.
O ne a lebogela puso go bo e ne ya tsibogela selelo sa metsi se se ntseng se utlwala thata mo metseng ya Tswapong Bokone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Maunatlala
Event : Pulo semmuso
Date : 10 Apr 2016






