Breaking News

Kago ya diofisi e fa banni tsholofelo

07 Apr 2016

Banni ba Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ba itumeletse diofisi tsa puso tse di agwang kwa motseng oo. 

Kago e, e simolotswe ka 2014 mme e tlaa wela ngwaga ono o ya fifing, go ya ka modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Botsile Letlape mo potsolosong. 

A re kago eo e agwa ke khansele ka lenaneo la Ipelegeng mme e na le  diofisi ka go farologana jaaka ya ga mmaboipelego, Omang, matsalo le dintsho, ya ga molaodi le tse dingwe. 

A re e tlaa bo e thusa banni ba motse oo le ba metse e e mabapi jaaka Magotlhwane le Ranaka.

Mme Letlape a re ga ba na go tlhola ba latela ditlamelo kgakala kwa Kanye le Lobatse. 

A re ba tlaa nna le sebaka sa go akola ditirelo tse di botlhokwa mo lefelong le le lengwe ba sa kgarakgatshege jaaka go ntse go diragala. 

A re seemo seo e bile se ntse se tsenya bagodi mo diphatseng.

Mongwe wa banana, Mme Bontle Moreki a re o itumetse ka ba ntse ba kopa ditlamelo dingwe tse di amang banana kwa Moshupa mme mosepele wa teng o le sekgala gape o tura. 

Mme Moreki a re mo gongwe motho o ne a patelesega go boela Moshupa gantsi fa a sa bona thuso mme seo e le madi a mantsi. 

A re kago eo e tlaa ba atameletsa ditlamelo go bo go rotloetse banana go inaakanya le mananeo a puso.

Mme Moreki a re e le monana yo o sa berekeng o solofetse gore diofisi tseo di ba bule diphatlha dingwe tsa go bereka jaaka go phepafatsa, go tlhokomela dikago le tse dingwe.

 “E bile ke solofetse gore banana bangwe ba tlaa nna le sebaka sa go ipulela dikgwebo fa pele ga dikago tse jaaka tsa go rekisa dijo, dimonamone le tse dingwe,” ga bua Mme Moreki.

A re kago ya diofisi tseo e tsisitse tsholofelo e ntsi mo go bone e bile ba eletsa gore e tsise pharologanyo e e bonalang mo matshelong a banni ba motse.

Mongwe wa baagi yo o mo tirong ya go aga dikago tseo, Rre Joseph Morolwa a re mo nakong ya gompieno ba setse ba simolotse go tlhomesa.

 Are o solofetse gore mo nakong e e sa fediseng pelo kago eo e tlaa bo e rulelwa.

 Rre Morolwa a re kago e ne ya diiwa ke tlhaelo ya didirisiwa mme a tlhalosa fa di setse di gorogile, selo se a reng se ba tiisitse moko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Ntlhantlhe

Event : Potsolotso

Date : 07 Apr 2016