Lefelo la ditso le tsositse kgaruru
07 Apr 2016
Bagaka ba pele ba tlogeletse Batswana digakolodi tse ba tlaa tswelelang ba ipela ka tsone ga mmogo le gone go ikgakolola kwa ba tswang teng.
Dingwe tsa ditso tse, di somaretswe ke lephata la bojanala go oka bajanala.
Mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, fa gare ga metse ya Mulambakwena le Mosojane, mo lefelong la Nyewele go fitlhelwa lefelo le mogaka wa pele, Rre Kgalemang Motsete a neng a tlhomile sekole se se neng se bidiwa Kgalemang Motsete College teng.
Sekole seo e ne e le sengwe sa dikole tsa ntlha mo kgaolong eo mme se ne se dirisiwa thata ke morafe wa Bakalaka go tswa mo metseng ka go farologana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Sekole seo se ne sa phutlhama magareng ga dingwaga tsa bo 1935 le 1936 ka se ne sena motsamaisi morago ga Rre Motsete a sena go boela gae.
E re le fa go ne ga fetoga matlotla, lefelo leo ke lengwe la mafelo a morafe o ipelang ka lone ka sekole seo se tlhabolotse matshelo a ba le bantsi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Mme e ne ya re bosheng fa molelo wa kgolagano o raletse kgaolo ya Bokone Botlhaba ga tsoga kgaruru ka jaanong metse e mebedi e, yotlhe e ne e na le keletso ya go o isa kwa lefelong leo. Go ne ga tsoga medumo ya gore tota mme lefelo leo le wela mo motseng ofe mo metseng e mebedi eo ya Mulambakwana le Mosojane.
Mo potsolotsong bosheng, mongwe wa ba ba supang fa tota lefelo leo e le la morafe wa Mulambakwena, Rre Gumbu Palalani o supile fa lefelo leo le ba setseng ba le supile kwa go ba bojanala e le la motse wa bone e seng Mosojane.
O tlhalositse fa e le mongwe wa bao ba ba nang le lesedi ka fa metse e neng e kgaogantswe ka teng ke kgosi ya pele ya Mosojane Rre Motlotlegi Mosojane, a tlatsa ka gore ka nako ya teng o ne a setse a fatlhogile.
Rre Palalani o tsweletse ka gore e re ka ba Mosojane e le ba bogosi jo botona, jaanong ba setse ba batla go ikgagapelela lefelo leo, mme e bile a supa fa a tlaa kgaratlha go bona gore ba gaabo ga ba amogiwe lefelo leo.
O ne a supa fa ba ikuetse kwa kgotleng kgolo ya ditsheko kwa Gaborone go ba thusa go rarabolola kgang e, ka le bone ba na le ditoro ka lefelo leo.
Rre Palalani a re pele fa sekole seo se agiwa, Rre Motsete o ne a ya go kopa lefelo kwa go Kgosi Mosojane ka e ne e le ene a okametseng lefatshe ka nako eo. O tsweletse ka gore Kgosi Mosojane o ne a busa go tswa kwa motseng wa Mosojane go fitlha kwa bophirima jwa Zwenshambe mme ka jalo morago ga go bona fa bangwe ba bolawa ke mosepele go kopa ditlamelo kwa motseng wa Mosojane, a tsaya tshwetso ya go kgaoganya metse mme lefelo leo la felela le wela ka fa tlase ga motse wa Mulambakwena go bapa le molatswana wa Cheguwu mo lefelong la Nyewele.
A re ene o itse fa metse ya Mulambakwena le Mosojane e kgaogana ke molatswana wa Cheguwu e seng noka ya Tati jaaka go kaiwa.
O ne gape a tlhalosa fa lefelo la Nyewele le le gaufi thata le motse wa Mulambakwena ka jalo Kgosi Mosojane a ne a tsaya tshwetso ya gore le tlaa wela ka fa tlase ga motse wa Mulambakwena, mo jaanong go fang ba Mulambakwena thata ya lefelo la sekole sa ga Motsete.
O supile fa ba ikuetse kwa kgotleng kgolo ya ditsheko kwa Gaborone go ba rarabololela kgang e.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane, a supa fa dikgosi tse nne e bong Kgosi Habangana, Kgosi Mosojane, Kgosi Masunga le Kgosi Ramokate e le bone fela ba nang le lesedi, kitso le bosupi ka kgaogano ya metse ya Bokone Botlhaba.
O tlhalositse fa a itse fa bogosi e le jone fela bo laolang lefatshe e bile bo na le kitso ya gore motse wa gore o simolola fa kae o felela fa kae ka jalo a supa fa go ya ka kitso ya gagwe lefelo la sekole sa Kgalemang Motsete le le ka fa tlase ga motse wa Mosojane.
A re go ne ga tsewa tshwetso ya gore morafe o o mo lefelong la Nyewele o tseye dithuso kwa motseng wa Mulambakwena ka go ne go le gaufi le ntswa tota lefelo la Nyewele le le mo Mosojane.
A re o ne a sa solofela fa lefelo leo le ne le tlaa tsosa kgaruru ka ba ne ba dumalane le dikgosi tsa motse wa Mulambakwena go dira mokgatlho o o tlaa okamelang lefelo leo gore le tle le sologele merafe ya metse e mebedi molemo go sena dikgogakgogano.
O supile gape fa maloba a ne a tlhajwa ke ditlhong fa metse e mebedi e lwela lefelo leo go isa molelo wa kgolagano, selo se tota se ka bong se ne se sa diragala mme ka e le ene kgosi e tona a tshwanelwa ke go emisa molelo oo, go thibela dintwa go fitlhelela kgang e rarabololwa.
A re e re ka Rre Motsete a ne a kopile lefelo kwa go Kgosi Mosojane, Kgosi Mosojane ke ene fela a ka rarabololang kgogakgogano eo ka tota lefatshe la Mosojane, Mulambakwena le Zwenshambe e le la gagwe ka jalo a itse le melelwane gore e tsamaya jang.
Kgosana ya kgotlana ya Motshewa kwa motseng wa Mulambakwena, gaufi le lefelo la Nyewele, Rre Morgan Majaga le ene o ne a supa fa tota lefelo la sekole seo e le la ga Mosojane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Mulambakwena
Event : Potsolotso
Date : 07 Apr 2016






