Breaking News

Kgosi o batla motlakase o anama le Khudumelapye

07 Apr 2016

Mothusa kgosi wa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Othusitse Mosimane, o ikuetse ka tlhaelo ya motlakase mo motseng wa gagwe, bogolo jang kwa ditsheng tse disha.

Erile a bua mo potsolotsong, Kgosi Mosimane a re mo nakong ya gompieno motlakase o o teng o felela fela fa gare ga motse, e bile a tlhalosa fa go na le ditsha tse dingwe tsa bogologolo tse le tsone di sa gokelwang motlakase. 

A re ga jesiwe di welang gape ke seemo sa tsela e e lomaganyang motse wa gagwe le wa Letlhakeng e e dikhilomithara di masome mabedi le bobedi. A re sebe sa phiri ke gore ba tlamega go dirisa tsela e kgapetsa-kgapetsa go latela ditlamelo kwa Letlhakeng.

A re seemo se se maswe se sa tsela se ama go goroga ga ditlamelo kwa motseng wa bone. Kgosi Mosimane o ne gape a itela ka letlhoko la baoki le ngaka mo kokelong ya motse oo, mme a re se se ba pateletsa go isa balwetse kwa Letlhakeng. 

Mo go tsa kgotla, Kgosi Mosimane o tlhalositse fa go tlhoka mokwaledi kwa kgotleng ya motse oo mabapi wa Sorilatholo go ba imetsa tiro ka jaana ditsheko tsa motse oo jaanong di sekwa mo Khudumelapye.

A re selo se jaanong se tsala madiadia mo go fetseng ditsheko. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Olefile Seilwe ene o ne a supa fa go na le letlhoko la matlwana a borutelo a bana ba ba ipaakanyetsang mophato wa ntlha ka ba felela ba dirisa ntlo ya borobalo ya VDC.

E rile a ama tsa ipelegeng, a supa fa ba neelwa dipalo tse di kwa tlase ka kgwedi le ntswa batho ba ba sa direng ba le bantsi e bile kgaolo e le bophara. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 07 Apr 2016