Breaking News

Letlhoko la dipalamo le tokafetse

07 Apr 2016

Seemo se se tswang kgakala se sa robatse banni ba Matlhako kwa Tswapong sa letlhoko la dipalamo tsa setshaba se bolelwa se tokafetse ka jaanong go na le dipalamo tsa setshaba di le pedi tse di tswang mo motseng oo moso le moso di ya Selebi Phikwe le Palapye.

Kgosi Ditshotlo Kgaugelo a re letlhoko la dipalamo le ne le sa ba robatse ka go ne go le thata go tswa mo motseng wa bone go etela mafelo a mangwe kgotsa fa o tswa kwa ntle o etela kwa Matlhako.

A re e ne e nna matlhotlhapelo fa go tsena nako ya gore bagodi ba ba sa amogeleleng dikatso tsa bone tsa kgwedi le kgwedi mo kgotleng ba tlamege go ya kwa posong ya Machaneng.

O ne a supa gore ba ne ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara tse tharo ka dinao go ya kwa maemelong a ba ka kgonang go kopa mosepele mo dikoloing tsa beng ba tsone.

Kgosi Kgaugelo a re mme seo se ne se baya matshelo a bone mo diphatseng ka jaana maemelo ao a dipalamo a le mo sekgweng a tlatsa ka gore maemelo a teng a gaufi thata le polase e e nang le diphologolo tse di borai tse di ka tlhaselang motho nako nngwe le nngwe.

A re gape ba ne ba setse ba na le poifo ya manweenwee a a thukuthang batho ba bo ba ba namola dithoto tsa bone, go ba itaya le go itseela dikobo ka dikgoka.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgaugelo o ne a tlhalosa fa kgwetlho e e leng teng fela mabapi le dipalamo tse e le ya go boela kwa Matlhako maitseboa.

A re se se raya gore le fa motho a feditse se a neng a se dira nako e le teng, o tlamega go emela nako ya maitseboa gape go emelela kwa Matlhako le go ya teng ka dinako tsa motshegare gone go sa ntse go le thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Matlhako

Event : Potsolotso

Date : 07 Apr 2016