Mokgatlho o thusa go tiisa malwapa
07 Apr 2016
Modulasetilo wa mokgatlho wa Dingwetsi Association, Mme Grace Silver, o kopile bomme ba dingwetsi go tlhwaafalela go tlhokomela le go aga malwapa a a tiileng.
Mme Silver o buile se mo bokopanong jwa mokgatlho kwa Lerala bosheng.
O tlhalositse fa bomme bangwe ba dule mo tseleng mme ba sa tlhole ba batla go thusa borre mo malwapeng.
A re basadi bangwe ba tsaya dikgang tsa malwapa a bone ba bo ba di bolelela ba ba seng maleba ka jalo o gwetlhile bomme go emisa go dira jalo ka a re go thuba malwapa.
O tsweletse a tlhalosa gore borre ba tlhomilwe e le ditlhogo mo malwapeng go ya ka molao wa Modimo mme go supagala fa mo malwapeng ka bontsi bomme ba gapetse borre seemo sa bone sa go nna tlhogo ya lelwapa..
O tlhalositse fa mokgatlho wa Dingwetsi Association e le mokgatlho wa bomme ba dingwetsi ba ba ilang tlhalo e bile gape ba sa rotloetse go thuba malwapa ga banyalani ba bangwe.
A re mokgatlho o o tshwentswe thata ke dikgang tsa go thubega ga malwapa tse di ileng kwa godimo le batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ka jalo maikaelelo a bone ke go ruta le go fa bomme maele ka go tlhokomela lelwapa, go ruta basha ba ba mo nyalong go tlhokomela nyalo ya bone, go bua le go rutana le borre ka kago ya lelwapa le gone go fa bomme ba ba godisang bana ba le nosi maele a botshelo.
Mme Silver o tlhalositse fa lenyalo mo molaong wa Modimo e le thulaganyo ya Modimo fa gare ga batho ba babedi mme e bile go sena gope fa go buiwang ka tlhalo teng.
Mme Silver o ne a supa fa lenyalo e le tshegofatso mme tlhalo yone e le phutso mo go yo o ka fitlhelwang a tsene mo go yone.O ne a gwetlha bomme le borre go tlhokomelelana mo nyalong ka e le sone se Modimo a se eletsang gore botlhe ba ka se dira.
O ne a rotloetsa botlhe ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go tsena mo nyalong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : Lerala
Event : Bokopano
Date : 07 Apr 2016






