Breaking News

Kelediyakgotla o tlogetse tiro ka bogodi

07 Apr 2016

Modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Mme Lesego Kelediyakgotla, yo a neng a direla kwa Serowe  o tlogetse tiro ka bogodi kgwedi e fetileng e ya bokhutlong.

Mme Kelediyakgotla yo bakaulengwe ba gagwe ba neng ba mmitsa Lesh, o thapilwe mo lephateng la dikitsiso le seromamowa ka 1985 ele mophephafatsi kwa ofising ya Lobatse, mme morago a hudusetswa kwa Mahalapye le Palapye kwa e rileng a goroga teng a thatosiwa maemo go nna messenger/reporter.

Morago Mme Kelediyakgotla one a hudusetswa kwa Francistown ka tiro, mme morago a hudusetswa kwa Serowe kwa a diretseng teng ka lebaka go fithelela a tlogela tiro ka bogodi kgwedi e fetileng morago ga go dira mo lephateng le dingwaga dile masome a mararo le bongwe.

Mme Kelediyakgotla o boletse mo potsolotsong gore ka nako ya a direla lephata le, one a dira ditiro ditshwana go abela setshaba koranta ya DailyNews, go bala dikgang mo thulaganyong ya tatediso ya dikgang, go kwala ka dikgang tsa diphuthego tsa matona a puso, mapalamente, diphuthego tsa makhanselara le bagolwane ba maphata gammogo le diphuthego tsa khansele ya Legare.

Ka nako ya Mme Kelediyakgotla ele modiri wa lephata la dikitsiso, o ne a ya ithutuntshong ya go tsaya ditshwantsho e bile ke mongwe wa badirelapuso ba ba neng ba abelwa seetsele sa ga tona. 

Lefa Mme Kelediyakgotla o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe ele go kopa mananeo a puso go simolola kgwebo e ka yone a ka itshetsang ka yone le ba lelwapa la gagwe.

O tsweletse ka go kgotlhatsa badiri ka ene ba ba setseng mo tirong go dira ka natla go bona gore Batswana ba amogela koranta ya DailyNews le bukana ya Kutlwano ka nako e tshwanetseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 07 Apr 2016