Breaking News

Molemi o inamola lehuma ka temo

06 Apr 2016

Molemi mongwe wa masimo a Mokoswana kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Shadrack Moeng a re le fa dipula tsa monongwaga di ne di le boutsana, o solofetse thobo e e botoka ka a sale a lemile ka Ngwanatsele. 

 “Fa e re phuu! nna ke a lema e bile ga ke re ka moso,”a tlhalosa.

A re tema ya gagwe ya ntlha o lemile magapu fela ka gore one a kgona go emelelana le seemo sa loapi se se thata.

Kwa Mokoswana Rre Moeng ke mongwe wa batho ba ntlha go loma letlhafula ka a lemile ka bokgola jwa dipula tsa ntlha. 

“Ke ja madi a magapu ke rekisetsa batho, boasa bo ya pele,”a tlhalosa.

Rre Moeng a re gompieno ga a ise a simolole go rekisetsa bagwebi, a supa fa a rekisetsa batho ba ba jelang fela mo ganong. 

A re o lemile ditema tsa gagwe tsotlhe ka ditselana gore thobo e nne ntle. 

O tlhalosa fa mmidi wa gagwe o sa dira sentle ka gore mmidi wa mmoulo o tlhoka pula e ntsi le monontshane e bile o tshabelelwa ke letsatsi. 

Molemi yo o kaile fa ene a tshepha dinawa le magapu ka one a kgona go itshegetsa mo letsatsing.

Go bona thobo e e nametsang, a re batho ba tshwanetse go tlhagolela dijalo.

A re mhero o na le botlhole jo bo ka dirang gore dijalo di seka tsa gola sentle kana fa gongwe di felele di sule.

O rotloetsa balemi go etela diofisi tsa balemisi go botsa ka tse di amang temo. 

A re fa balemi ba lefatshe leno ba ka tsaya temo ka tlhoafalo ba ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba mo lehumeng la nta e tshetlha. 

Rre Moeng o kaile fa puso e le mo lobelong lwa go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha mo lefatsheng leno ka bophara, ka jalo go mo bathong gore ba thuse puso.

O rotloetsa balemi ba bangwe go dirisa lenaneo la ISPAAD sentle gore ba bone maduo a lone, a re lefatshe leno le na le tlhaelo ya dijo, ka jalo le tshela ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe.

Rre Moeng o tlhalosa fa seo se baka kgolo ya ditlhwatlhwa tsa dijo, mme go babalele bareki, a re fa balemi ba ka ntsha dijo tse di lekaneng seemo se ka fokotsega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mokoswana

Event : Potsolotso

Date : 06 Apr 2016