Breaking News

MVA e tlhalosa ka ditirelo tsa yone

06 Apr 2016

Mogolwane kwa Motor Vehicle Accident Fund (MVA), Rre Michael Molebo, o ikuetse mo setshabeng go ikgolaganya  le lekalana leo fa ba tlhoka dithuso tsa potlako  ka nako ya fa ba amegile mo dikotsing tsa tsela.

Rre Molebo o buile se bosheng mo puisanong   kwa Tsabong fa ba ne ba le mo leetong mo kgaolong ya Kgalagadi borwa go tlhalosetsa batho ka ditirelo tsa bone le go ba atameletsa dithuso

O ne a supa fa ba lemogile fa batho ba le bantsi ba sa ntse ba saletse kwa morago mo go tlhaloganyeng ka lekalana la MVA le bomosola jwa lone mo lefatsheng leno.

A re ke maitlamo a bone gore ba tsamaye lefatshe leno ka bophara go tlhalosa mo go tseneletseng ka ditirelo tsa bone le go tshwara diphuthego tsa kgotla kana go buisana le setshaba gongwe le gongwe fa ba phuthaganelang teng ba le bantsi.

Rre Molebo o ne a tswelela ka go tlhalosa gore pele ga lekalana leo la MVA le ka thusa motho, ba tlhoka bosupi jwa mapodisi go rurifatsa gore ke boammaaruri kotsi e diragetse.

O kaile fa ba  thusa motho ka ka  P7 500 mo go tsa  phitlho fa a tlhokafetse kana go thusa ka dithuso tsa kalafi fa a gobetse mo kotsing maikaelelo e le go busetsa yo o gobetseng mo botsogong jo bo eletsegang.

Mogolwane go tswa mo letloleng leo o ne a kaya fa gape thuso e ka fiwa ba ba latlhegetsweng ke motlhokomedi mo kotsing ya koloi e ka nna monna kana mosadi kana mongwe le mongwe fela yo o ka supang gore o ne a tlhokomelwa ke moswi go rurifaditswe ke ba bogosi.

Mongwe wa  ba ba neng ba le mo dithutong tseo tsa koloi e e tsamayang kwa mmolong wa TM kwa Tsabong,  Mme Masego Ritze o ne a lebogela ba MVA ka dithuto tseo ka di tlaa ba bula matlho go tlhaloganya botoka  go ya pele.

Mme Ritze a re seo ke maiteko a letlole leo a a ka solegelang Batswana molemo mo dithusong tsa potlako ebile di le maleba, a supa fa batho ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke ba masika mme ka ntlha ya go tlhoka go itse ka letlole leo ba sa bona dithuso dipe selo se a reng se ne se ketefalela ba bangwe bogolo jang ba ba dikobo dikhutshwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Puisano

Date : 06 Apr 2016