Breaking News

Mogodi o itshetsa ka dikgole

06 Apr 2016

E re le ntswa diphetogo di tsweletse ka go nyeletsa ditiro dingwe  tse di rotloetsang ngwao ya Setswana, bangwe bone ba ititeile dihuba gore ba tlaa dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao.

Letlhogo tshweu lengwe le le tlholegang kwa Kang mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Keakabetse Mogaga yo o dingwaga tse di masome a marataro le boraro o dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao ka go suga matlalo a dira dikgole.

Ntle le gore o leka go tshegetsa ngwao ka gone go suga matlalo a dira dikgole, o boa gape a di rekisa go dira motswedi wa itshetso.

Morago ga go tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2013, o ne a bona go tshwanela gore a itshwarele ka diatla tsa gagwe.

O tlhalositse fa a amule botsipa mo go rraagwe ka le ene e ne e le tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi. A re o ne a ithuta go loga dime,ditoropo le go dira ditilo tsa dikgole rraagwe a sa le botshelong. Rre Mogaga  a re le fa go ntse jalo o batla go tlogela a segile tema ya gagwe. A re o batla go godisetsa bana ba gagwe mo ngwaong ya Setswana.

A re e sale ka a sekegetse tsebe mafoko a ga tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana  Rre Ketumile Masire a a reng metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati,mme rragwe ene a mo tlogetse ka a a reng dilo di utlwelwa marakaneng go tewa gotwe se re o rata selo wa nna o re ke tlaa se dire nako e e tlang. A re erile  a le monnye o ne a raya raagwe a re e tlaa re fa a gola o tsile go tshwana le ene mme rragwe a mo rotloetsa go simololela ruri a sa le monnye ka gotwe ntsanyana ya maiteela sebatana e bonwa mabotobotong.

A re ga a kitla a itlhoboga ka se a se dira ka lorato e bile a se direla go ruta a se mo kgwebong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Unasimba Mafa

Location : Kang

Event : Potsolotso

Date : 06 Apr 2016