Breaking News

Monana o ipelafatsa ka lenaneo

06 Apr 2016

Temo-thuo e tsweletse  ka go supa fa e le yone konokono mo go tokafatseng matshelo a batho ba lefatshe leno. 

Bontsi jwa Batswana bogolo jang ba ba kwa dikgaolong, ba ikaegile ka mohama o go itshetsa le go tlhama mebereko. 

Mme Amogelang Tshukudu wa Tshwaane, ke mongwe wa banana ba ba iseng ba ipone tsapa go dirisa mananeo a puso a temo-thuo go itlhabolola.

“Ke ne ka lemoga fa bomme ka bontsi ba le maoto a tshupa go inaakanya le temo-thuo ntswa e na le dipoelo,” ga tlhalosa Mme Tshukudu.

 A re o lemogile fa temo-thuo e le bogadi bo gaufi.

E rile ka ngwaga wa 2013, a atlega a fiwa lenaneo la LIMID le ka lone a neng a simolola thuo ya dihutshane.  Ka ntlha ya maikemisetso le go dira ka natla mo thuong ga gagwe, leruo la gagwe  le totile go menagane e bile o simolotse go rekisetsa barui ka ene le bangwe ba ba filweng lenaneo la LIMID le setshaba ka kakaretso.

A re ka ntlha ya lenaneo le, tlala e fetogile selo sa maloba mo ga gagwe. E re ka go le botlhokwa go godisa kgwebo, Mme Tshukudu jaanong o dirisitse dipoelo go tswa mo thuong ya dipodi go tsena mo go ya dikoko.

O ne a tswelela a tlhalosa fa maikaelelo a gagwe e le go godisa kgwebo ya gagwe ya thuo ka go kopa mooketsa ka mananeo a mangwe a puso jaaka la Tlhabololo ya Banana (YDF) go itepatepanya le mmaraka.

O kaile fa bobelotelele le go itirela ka diatla e le tsone tse di tsisitseng kgolo mo kgwebong ya gagwe.

Mme Tshukudu o kgothaditse banana ka ene go lesa go tlhopha ditiro, mme ba inaakanye le mananeo a puso a sa ntse a buletswe go lwantsha letlhoko la ditiro le khumanego. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopadile

Location : Tshwaane

Event : Potsolotso

Date : 06 Apr 2016