Dikomiti tsa ditlhabololo di a dirisanya
06 Apr 2016
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makwate le dikgosana tsa motse oo, ba dumelane mo phuthegong e ba neng ba e kopanetse le kgosi Ambros Ramosweu wa Machaneng fa ba tla simolola go dirisana mmogo le go tshwaraganela ditiro tsa motse wa bone.
Ba komiti ya ditlhabololo le magosana a motse wa Makwate ba tsere tshwetso ya go dirisana mmogo, morago ga gore kgosi Ramosweu a supe fa go tlhoka tirisano mmogo ga bone ele baeteledipele ba morafe ele dingwe tse di ka kgaoganyang setshaba le go busetsa ditlhabololo tsa motse wa bone kwa morago.
Kgosi Ramosweu o tlhalositse mo potsolotsong le lekalana la motswedi wa dikgang wa BOPA fa kgotlhang fagare ka komiti ya ditlhabololo le dikgosana tsa motse wa Makwate e bakilwe ke gore maloko a komiti ya VDC bane ba tsere tshwetso ya go tsena botlhe mo komiting e baakanyetsang moletlo wa boipuso le kamogelo molelo wa kgolagano.
A re magosana ane a seka a dumlana le tshwetso ya komiti ya VDC ka ba eleditse gore batho ba ba ka tsenngwang mo komiting ya boipuso e ka nna modulasetilo le mokwalwedi wa gagwe. Kgosi Ramosweu o kopile dikgosana le ba komiti ya VDC go tlogela dipharologano tsa bone gore ba kgone go itebaganya le go baakanyetsa meletlo ya boipuso le molelo wa kgolagano.
Kgosi Ramosweu o tsweletse ka go tlhalosa fa go tlhabisa ditlhong go bona baeteledipele ba morafe jaaka dikgosana le goromente wa motse jaaka komiti ya ditlhabololo ba supa-supana ka menwana mo mererong ya ditiro tsa setshaba jaaka go baakanyetsa boipuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Makwate
Event : Phuthego
Date : 06 Apr 2016






