Breaking News

Nnotagi tshaka e e magale mabedi

06 Apr 2016

Tiriso ya nnotagi ke tshaka e e magale mabedi ka gore sengwe le sengwe se motho a se dirang a le mo kgatelelong ya diritibatsi e ka mo tsenya mo diphatseng.

Tiriso botlhaswa ya nnotagi e ama maitsholo ga mmogo le botsogo jwa motho.

Se se builwe ke Kgosi Captain Bagatiseng wa Mmaphashalala, mo phuthegong ya kgotla kwa Mmaphashalala mo kgaolong-potlana ya Mahalapye bosheng.

A re diritibatsi le nnotagi ke bolwetse mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore diritibatsi tse di dirisiwang thata mo Mmaphashalala ke motokwane le go nwa bojalwa phetelela.

O tswelela a tlhalosa fa se, se tshwenya fela thata,mme a kopa batsadi go kgalema bana ba bone ga mmogo le go tla ka ditharabololo tsa sennela ruri.

Kgosi a re maduo a nnotagi ke a a seng monate gotlhelele,jaaka go baka bolwetse jwa tlhaloganyo le dikotsi tsa tsela tse di bakang dintsho le dikgobalo tse di masisi magareng ga tse dingwe.

A re batho ba ba dirisang diritibatsi le bojalwa ba tshabelelwa ke go dira melato e tshwana ya kgokgontsho mo malwapeng,ditlhapa le dipolaano.

O tswelela a tlhalosa gore motokwane o gogelwa fela mo pontsheng mo malatsing a gompieno,a tlatsa ka gore bogologolo o ne o gogelwa kwa ntle ga motse mo sephiring.

“Malatsi a ke mokgabo go ja motokwane,”a tlhalosa.

A re se se utlwisang botlhoko le go feta  ke gore malatsi a le bomme le bone ba ja motokwane.

Ka go rialo a re o ipotsa gore fa bomme le bone ba inaakantse le nnotagi jaana a mme bana ba tlaa godisiwa sentle ga mmogo le gone go tlhokomelwa sentle.

A re o eletsa gore puso e oketse dikatlholo tsa batho ba ba tshwarwang ka motokwane,a tlatsa ka gore tsa gompieno di kwatlase fela thata ke ka moo batho ba tsweletseng ka go dirisa diritibatsi.

O boletse fa puso e dirisa madi a mantsi thata mo go alafeng bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo itiretsweng kabomo ka ntlha ya tiriso ditagi.

Mo go tse dingwe, a re diritibatsi le nnotagi di rotloetsa kanamo ya malwetse a a tshwanang le mogare wa HIV/AIDS ka fa motho wa teng a di jele go nna thata go ka laola maikutlo ka nako ya tlhakanelo dikobo.

O tsweletse a kgothatsa batho go emisa go kopanya bojalwa le kalafi e ba e fiwang ke ba bongaka, a bo a tlatsa ka gore seo se le borai.

Kgosi Captain Bagatiseng o ne a kopa batho go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo,mme ba emise motokwane le bojalwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mmaphashalala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Apr 2016