Go ja sentle go a boloka
05 Apr 2016
Mothusa moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress Party Dr Kesetegile Gobotswang, a re lefatshe la Botswana le dirisa madi a mantsi go lwantsha malwetse a pelo le a go tlhoka go ja sentle.
Fa a bua kwa mogwantong wa go kgobokanyetsa kereke ya Heavenly Garrison Ministries madi kwa Bobonong ka Matlhatso, Dr Gobotswang a re mathata a a bakang malwetse a pelo ga mmogo le a sukiri ke go tlhoka go itshidila le go ja sentle.
Dr Gobotswang a re mo dingwageng tse di fa morago bolwetse ja HIV/AIDS bo ne bo di goga kwa pele mo madi a go bo lwantsha a neng a lekana le a lephata la itshireletso mme a supa fa mo nakong ya gompieno madi a mantsi a lebaganngwa le go lwantsha malwetse a pelo.
A re batho ba tshwantse go itshidila gore mebele ya bone e nne e itekanetse ga mmogo le go fokotsa go ja mafura, letswai le sukiri ka di le borai fela thata.
Kereke ya Heavenly Garrison Ministries e ne e rulagantse mogwanto o o duelelwang go kgobokanya madi a go aga kereke ka molaetsa o o reng ‘go ntsha banana mo mekgwatheng go itse Keresete’. Dr Gobotswang o supile gape fa banana e le karolo e e botlhokwa mo setshabeng e bile ba lebagane le dikgwetlho tse dintsi tse di tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
O supile fa phetolo maitsholo e le selo se se marara ka banana bogolo jang ba basetsana ba lebagane le dikgwetlho di tshwana le lehuma le dipolelo tse di sa rurifadiwang tsa gore fa ba sa tlhakanelo dikobo madi a bone a tlaa ema mme tseo e le dikgang tse ba di tsayang mo balekaneng ba bone.
Dr Gobotswang o rotloeditse banana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo mme a kopa makgotla a sedumedi go tla ka methale e e maleba ya go anamisa melaetsa jaaka boranyane ja segompieno ka bontsi ja banana bo bonwa koo.
Fa a tswa la gagwe, moruti Comic Letsweletse a re kereke eo e sa ntse e le potlana mo Bobonong mme ba dumela gore e tlaa gola a re mogwanto oo e ne e le karolo nngwe ya go gogela banana mo Modimong.
Rre Letsweletse a re ba ikaela go aga kereke gore ba fuduge fa ba obamelang teng ebong kwa sekoleng se sebotlana sa Mafetsakgang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Mogwanto
Date : 05 Apr 2016






