Letsema le thata ka mong
05 Apr 2016
Banni ba Qabo ba ba tsereng mananeo a puso go dira dikgwebo ba rotloeditswe go emela dikgwebo tsa bone ka dinao go di batlela mmaraka go na le go baya sengwe le sengwe mo khanseleng.
Mothusa tona mo ofising ya ga Tautona le bodirela puso, Rre Dikgang Makgalemele o ntshitse mafoko ao fa a ne a lekola le go bona dikgwebo dingwe tsa mananeo a puso le koporase gore di tsamaya jang. Mothusa tona o ne a kopa ba dikgwebo tseo gore ga ba a tshwanela go ikaega ka khansele.
Mothusa tona o boleletse beng ba dikgwebo tseo gore ba tshwanetse go tswa ka methale e e ka ba thusang gore dikgwebo tsa bone di nne le dipoelo tse di kwa godimo gore ba kgone go itshetsa ka tsone.
A re puso e ntshitse mananeo ao gore Batswana ba tle go itshetsa ka one e seng gore ba beye sengwe le sengwe mo pusong.
A re methale ya go godisa dikgwebo tsa bone gore di nne tse di mo maemong a a kwa godimo e mentsi.
Rre Makgalemele o kopile beng ba dikgwebo gore ba seka ba itebaganya thata le dithendara tsa khansele ka gore dithendara ga di ikanyege. O ne a kopa gore batho ba dikgwebo tseo ba tshwaragane gore dikgwebo tsa bone di tle di tsamaye sentle.
A re fa yo mongwe a utlwaletse gore go batlega batho ba kapei e le ba kgwebo ya makesi ba tshwanetse go bolelela ba bangwe go na le go nna fela.
Mothusa tona a re go botlhokwa gore mo motseng mongwe le mongwe, go nne le kgwebo e tona e ba itseng gore e ka tsisa dipoelo mme e bile e le e e kgonang go hira palo e ntsi ya morafe mo motseng.
A re fa ba ka dira jalo ba tlaa bo ba fokotsa letlhoko la ditiro mo motseng wa bone.
Rre Makgalemele a re kgwebo nngwe le nngwe gore e tsamaye sentle go tshwanetse ga nna le motho yo o dupang dibuka go bona gore madi a dirisiwa sentle.
O tlhaloseditse banni bao gore bosheng ba ne ba simolodisa lenaneo le le tsileng go rudisa itsholelo (ESP) ka jalo a re letlhoko la ditiro le tsile go wela tlase.
A re lenaneo la go tsotsolosa itsholelo ke lone gape le le tsileng go dira ditlhabololo ka bontsi tse di neng di saletse kwa morago ntateng ya kwelo tlase ya itsholelo ya mafatshe fatshe.
Mothusa tona a re ba okeditse mabelo a gore dilo ka bontsi di dirwe mo lefatsheng leno go na le go reka dilo kwa ntle tse di tshwanang le dikoko.
A re Batswana fa ba ka ema ka dinao ba rua dikoko go rekiwa ga dikoko kwa ntle ga lefatshe leno go tlaa bo go emisiwa.
Erile ba ntsha matshwenyego a bone, ba tlhalosa fa bana le mathata a go sa boneng mmaraka kwa ba ka rekisang dilwana tsa bone. Ba ne ba tlhalosa gape fa ba tlhoka motlakase mo motseng wa bone gore dikgwebo tsa bone di dire sentle.
Ba ne ba supa fa ba sokodisiwa ke dikoloi go ya go reka dilwana tsa bone kwa Ghanzi, le gore le fa khansele e ba thusa, mathata ke gore le yone khansele e na le ditiro tse dintsi mo kgaolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Bokopano
Date : 05 Apr 2016






