Mokgatlho o thusa bomme
05 Apr 2016
E rile go lemogeng fa bomme bangwe kwa Machaneng ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditsompelo ka nako ya fa ba imile le ka nako ya botsetse, bodiredi jwa kokelwana ya Machaneng bo tshwaragane le banni bangwe ba motse, ba simolodisa mokgatlho o o tlaa tswang bomme bao thuso.
Modulasetilo wa mokgatlho oo Mme Hildah Kavurase-Sedio, o tlhalositse mo potsolotsong gore mokgatlho wa bone o simolotse kgwedi ya Mopitlo e rogwa monongwaga.
A supa fa mokgatlho wa bone mo nakong eno o na le bomme ba le lesome le bobedi le borre ba le babedi.
Mme Kavurase-Sedio a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one o ba gwetlhileng go simolodisa mokgatlho o, o ba o biditseng ba re Machaneng Support Group.
O boletse gore bodiredi jwa kokelwana bo tshwentswe ke dipalo tse di tsweletseng ka go oketsega tsa bomme ba ba imang mme ba sena tse di tlhokegang jaaka diaparo le dikobo tsa bana, melora gareng ga tse dingwe.
A re seemo se go ne ga lemotshega fa gantsi se bakwa ke gore mme o a bo a sa bereke mme fa godimo ga moo, rre yo o mo imisitseng a bo a mo phuaganya.
Go diragatsa toro e ya bone, Mme Kavurase-Sedio a re ba tsweletse ka go kokoanya madi ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang jaaka go koleka, go kopa dithuso mo morafeng le go rekisa borotho le supu fa pele ga kokelwana.
A tswelela ka gore ntle le dithuso tsa diaparo le melora, ba tla a bo ba thusa bomme bao gape ka dikgakololo le go ba sidila maikutlo.
Mme Kavurase-Sedio a re ga ba eletse go bona mme yo o imileng a kgoberegile maikutlo ka seemo seo se ka ama botsogo jwa gagwe ga mmogo le jwa losea.
O supile fa mo nakong eno ba ise ba kopane le makgwere ape a a ka ba kgoreletsang go tswelela pele.
A re keletso ke go bona mokgatlho o tsweletse pele e bile le dipalo tsa bomme ba ba kopanang le seemo se se bakileng gore ba simolodise mokgatlho di fokotsegile.
Mme Kavurase-Sedio a re go lwantsha koketsego ya seemo se, ba dirile dithulaganyo tsa gore ba nne ba a fa bomme dithuto tse di tseneletseng ka dikgang tsa boimana le pelegi, go katologanya tsholo le tiriso ya tsa boiphemelo mo boimaneng.
A re o dumela gore dithuto tse ba di fang bomme di tlaa thusa gore ba ba sa kgoneng ba seka ba nna ba boelela go ima kgapetsakgapetsa.
O rotloeditse banni ba Machaneng go ema mokgatlho wa bone nokeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Machaneng
Event : Potsolotso
Date : 05 Apr 2016






