Breaking News

Olopeng o gakolola banana go tsaya malebela

04 Apr 2016

Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng, o gwetlhile banana ba kgaolo eo go tsaya malebela mo matlhogotshweung.

Rre Olopeng o buile jalo fa a ne a amogela molelo wa kgolagano ka Matlhatso. 

A re molelo wa kgolagano ke sekao sa gore fa o fetileng teng go sala go nna le maduo a ditso le ditlhabololo tse di tlaa salelang dikokomana.

O rotloeditse banana go tla go tshegetsa boipuso jo bo tlaa  tlang gape, jwa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a a tlaa latelang go nna bone  ba tsamaisang tiro eo ka botswerere a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.

Rre Olopeng gape o rotloeditse banana go emisa mokgwa wa botlhokatsebe, mme ba nne sekao sa go etelela lefatshe leno ka botho, lerato le bopelotelele a tlatsa ka gore ba ineele mo Modimong ka gore poifo Modimo ke yone tshimologo ya botlhale.

O tsweletse a re letsatsi leo le botlhokwa ka jaana ba sa ipelele molelo wa kgolagano fela,mme ba ipelela le matsalo a ga Kgosi Ramosinyi Radipitse.

Rre Olopeng o gakolotse Bakhurutshe gobopagana go nna tshaba e e nang le kgatelelopele, e na le botho,e bile e utlwana ka go nna pelotlhomogi mo go bangwe ka bone.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya BOT 50 Rre Boyce Sebetela, a re molelo o o setse o tsamaile malatsi a le 183 mme o saletswe ke malatsi a le 183 go tsena kwa Gaborone.

Rre Sebetela a re se, se supa fa Tonota a le legare la go amogela molelo wa kgolagano o o tlang reng ka Lwetse a le masome a mararo monongwaga, Rre Olopeng a o amogele jaaka a ne a o amogetse go tswa kwa go Tautona Lt  Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go o busetsa gape kwa go ene.

A re tiragalo eo e supa fa seo e le boitumelo, jaaka ba ipelela masome a matlhano lefatshe leno le sena dikgogakgogano,  a tlatsa ka gore ba tsamaya ba gakolola Batswana ka ngwao ya bone ya go itse gore ke bomang, ba tswa kae ,e bile ba ya kae.

Rre Sebetela o tlhalositse fa ngwao mo nakong ya gompieno e fetogile go nna kgwebo jaaka dikhwaere di setse di feta masome a mane mo kgaolong, a re fa ba ka ikgobokanya ba ka betsa setlhako go oka bajanala.

Kgosi Radipitse wa Tonota o amogetse morafe wa gagwe ka lefoko le le reng “Popagano ke Phenyo” ka jalo lesedi le tlaa sala le phatsima mo motsengwaTonota le fa o ka feta. 

Le fa go ntse jalo, Kgosi Radipitse o kgothaditse banana go ema ka dinao go anywa boswa jwa lefatshe la Botswana.

O ba rotloeditse go sala ba godisa le go goga lefatshe leno, e seng go tsoga ba fetogile batshabi, a tlatsa ka gore molelo le fa o katima, lesedi lone le tlaa sala mo dipelong tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Tonota

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 04 Apr 2016