Mosadi o akgola maiteko a go tsosolosa ngwao
04 Apr 2016
Kgosi Mosadi wa Balete, a re go gatisiwa ga molawana o o tlotlomatsang ngwao ka ngwaga wa 2001 go ba tiisitse moko mo maitekong a go tsosolosa ngwao.
Fa a bua kwa moletlong wa ngwao o o neng o rulagantswe ke Sekole sa ithutelo tiro sa Serowe College of Education ka Labotlhano, Kgosi Mosadi o boletse fa puso e tshwanetse go akgolelwa go gatisa molawana o, o o itebagantseng le go boloka le go tsosolosa ngwao.
A re ngwao e fa motho fa seriti le go supa gore ke mang.
Kgosi Seboko a re le fa Batswana ba farologana ka merafe le dingwao tsa bone, selo se segolo se se ba tshwaragantseng ke botho jwa bone a tlatsa ka gore ke barata kagiso.
A re go farologana ga dingwao tsa Batswana ga go ree gore ba farologane go dira mmogo go sena kgethololo, ba tshela ka kagiso le tirisano mmogo e bile ba a amogelana.
A re dijo tsa Setswana, kapari le mmino fa di sa patiwa ke mekgwa ya morafe jaaka botho,g o tlotlana ga bagolo le bana le go ikaga, ngwao e a bo e sa felela.
O ne a supa gore kgang ya ga susu ilela suswane gore suswane a go ilele, e aga botho jwa morafe ka gore ngwana o kopa boitshwaro jwa mogolo.
O ne a gatelala gore go botlhokwa go fetisetsa ngwao kwa go ba ba botlana ka e le bone letshego la ka moso.
Mothusa kgosi ya Bangwato, Kgosi Serogola Seretse o ne a supa fa sekole sa Serowe College of Education se tswa kgakala se itsege ka molodi wa Setswana.
Mothusa mogokgo wa sekole sa Serowe College of Education, Mme Tendani Thabano o ne a tlhalosa fa badisa ba ngwao e le bogosi ka jalo a re go latedisa ngwao sentle go tshwanetse go itshwaraganngwa le bogosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Serowe
Event : Moletlo
Date : 04 Apr 2016






