Methale e mesha ya go rua e ka thusa
03 Apr 2016
Mothusa tona wa temo thuo, Rre Kgotla Autlwetse, o gakolotse barui go inaakanya le methale e e lolameng go itepatepanya le seemo sa leuba.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla mo kgotleng ya Botalaote kwa Serowe bosheng, Rre Autlwetse o tlhalositse fa seemo sa loaya lefatshe leno sentle, ka jalo a rotloetsa Batswana go inaakanya thata le thuo ka e santse ena le sebaka sa go dira sentle.
A re ga go thuse sepe go latlhela dikete tsa madi mo temong le ntswa ba bona gore ga e dire sentle.
Rre Autlwetse a re puso e dule ka mogopolo wa go rotloetsa Batswana go rekisa leruo la bone le le sa ba solegeleng molemo jaaka dipholo, leruo le le tsofetseng le le tsetseng gantsi.
A re go dira jalo go ka fokotsa letlhoko le le teng la phulo. A re botlhokwa jwa go rua ga se go bonwa ka leruo le lentsi, kgang kgolo ke go itshetsa.
A re madi le one a botlhokwa fela thata segolo bogolo fa a bolokilwe mo dipolokelong tsa madi ka a tsenya morokotso.
Leruo go na le kgonafalo ya gore le nyelediwe ke leuba kana dibetso tsa tlholego, tse tsotlhe go senag ope yo o itseng gore di tla tla leng.
E le tsela ngwe ya go baakanya le go lepalepana le seemo sa letlhoko la dijo tsa leruo, puso e tsere tshwetso ya go ithola marapo mo thekisong ya dijo tsa leruo mme e neela Batswana sebaka le tshono ya go di rekisa.
‘‘Ka jalo puso e itlamile go duelela Batswana sephatlo sa ditlhotlhwa tsa dijo tsa leruo mo marekisetsong otlhe mo Botswana,” Rre Autlwetse a tlhalosa.
O boletse fa go ise go nne le ditshekatsheko tsa bojang jo boleng teng mabapi le dikotla tsa one morago ga letsatsi le le fetileng selekano la maloba.
O ne a gakolola morafe go dirisa lenaneo la Economic Stimulus Programme (ESP), le le dirilweng ele maiteko a go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno. Rre Autlwetse a re lenaneo la ESP le tla bo le le teng sebaka sa ngwaga tse tharo, ka jalo Batswana ba le akole nako e sale teng.
O ile a kopa batsadi ka ka karetso go rotloetsa bana ba bone go inaakanya le tiro ya diatla ka ele mosola fela thata. A re bana ba tshwanetse go tsaya taolo gona le go baya fela mo batsading le ntswa ba lekane go tsaya maikarabelo ka matshelo a bone.
E rile a digela mafoko a gagwe a gakolola fa ba boipelego ba thusa batho ba ba senang bokgoni gotlhelele, mme seo se raya gore mekoduo e itsose ka phokoje go tshela yo dithetsenyana.
E ne yare Kgosi Lediketse Motalaote a bua mo boemong jwa ga Kgosi Ontifile Motalaote, a ntsha selelo sa ditsela tse di sa siamang tsa botalaote le ditlhabololo tse di saletseng ko morago.
A re fa ditlhabologo tsa motse di saletse ko morago, botsogo jwa morafe boa amega fela thata ka jalo ba kopa puso gore e dire motse wa Serowe gore o lebege jaaka o tshwanetse go lebega.
Mongwe wa banni ba Botalaote Mme Sister Motalaote o ne supa ngongorego ya dithuso le tsamaiso ya ga mmaboipelego wa kgaolo ya bone a re ga se ee lolameng. Are bone e le morafe wa Botalaote ba kopa go tlisediwa mmaboipelego yoo maleba, ebile a itse letlhoka la Batswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Merapelo Simako
Location : Serowe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Apr 2016






