Bomme ba gakololwa go bega mathata
03 Apr 2016
Bo mme ba kgotla ya Botshabelo ba tsibosiwa go bega mathata a ba kopanang le one mo malapeng ka seo e le go ikgokgontsha le bana, se se builwe ke mookamela mapodise a Botshabelo mme Gothusamang Badubi mo thuto-seka-dipuisano e e neng e tshwerwe go rutuntsha basadi.
Fa a tswelela mme Badubi a re, bomme ba na le dikgang tse di ba tshwenyang di ama bana mme di dirwa ke borre ba batshelang le bone ka ba inyadisitse mme seo se dira gore go nne thata go bega dikgetsi ko go ba molao.
O ne a supa gore ba tshwenngwa ke dikgang tsa thubetso a tlhalosa gore ka ngwaga wa 2015 ba nnile le dikgetsi tsa molato o di le masome a mane (40) tse di amang bana ba ba basetsana ba dingwaga tse di supa di akaretsa le bagolo, mme tsa tiriso ya bana ba ba dingwaga tse di kotlase di le some (10).
O ne gape a supa gore batsadi ga ba tsenye letsogo mo kgodisong ya bana ba bone ka nako e ntsi ka gore go supafala fa bana ba tlhola mo mekgwatlheng fa bosigo ba bonwa ba eme le borre ba ba tona mme seo se a thobaetsa mo itshireletsong ya ngwana wa mosetsana.
O ne a gakolola batsadi go fetola mokgwa o ba godisang bana ka one jaaka go emisa go faapaanya bakapelo fa pele ga bana le go inyadisa ka seo e se molao motheo o o siametseng kgodiso ya ngwana e bile e se ngwaoya Setswana.
Faa ntsha la gagwe mogolwane kwa lephateng la tsa bong mme Particia Masasa a re, puso e eme basadi nokeng ka ditsela tsotlhe mme ba dirise ditshono tse o go itlhabolola le go inonotsha mo go tsa kgwebo le go thusa go kabakanya itsholelo.
O ne a kopa bomme go ipona e le batho mo sechabeng, ba emise go inyatsa gore ba ka se kgone sepe ka seo se ka busetsa maiteko a puso ko morago.
O ne a gakolola basadi go emisa go itira di dirisiwa tsa borre jaaka go gweba ka mmele ka mme ga a thodiwa ke Modimo antse jalo mme a tlhodilwe e le moeteledipele e bile a le lorato.
O ne gape a ba gakolola go tsaa thuto ka thwaafalo, ka motho fa a rutegile o na le isago e phatsimang ka a tsaa ditshwetso tse di maleba e bile a na le thata le kgololesego ka botshelo jwa gagwe.
Mme Masasao ne a gatelela gore basadi ba tsee maikarabelo a botsogo jwa bone ka mogare wa HIV o ama bomme thata go feta borre mme seo se ka fokotsega ka go nna le maikarabelo a go fokotsa baka pelo le go dirisa sekausu ka nako tsothe le go emisa go inyadisa.
Mokhanselara wa kgaolo eo mme Tlhabologo Sethuba o ne a lebogela bontsi jo bo neng bo tshologetse thuta-seka-dipuisano eo ka se se supa fa basadi ba nyoretswe kitso le tlhabologo, mme a tlhalosa gore basadi ba tshwanetse go rutana.
O ne a kopa batsadi go sala metsamao le thuto ya bana ba bone morago ka kgodiso ya ngwana ga se ya morutabana a le nosi mme le batsadi le bone bana le seabe se segolo e bile e le bone ba ka betlelang bana ba bone isago e e Botoka ka go tsenya letsogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Thuto puisano
Date : 03 Apr 2016






