Breaking News

Go botlhokwa go aba ka lorato

03 Apr 2016

Mopalamente wa Gaborone Bonnington North, Rre Duma Boko o kopile Bakeresete go ithuta go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka lorato.

A re go aba ka lorato go kgatlha Modimo go nale go dira motho a gabile go itsewe ka tsela nngwe mo setshabeng. 

Rre Boko, yo gape e leng moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng,  o buile mafoko a kwa kabong dimpho ya Bethlehem City Of Christ Church in Zion ka Matlhatso kwa ntlo kgolo ya kereke eo kwa Tonota.

Bethlehem City Of Christ Church in Zion e ne e abela bangwe ba ba tlhokileng lesego ba le masome mararo dikobo le dijo.

A re tumelo e e se nang ditiro e loleya e bile ga e na mosola. A re modumedi o tshwanetse go bonwa ka ditiro e seng go direla dilo gore a tle a tlotlomadiwe.

Rre Boko o file sekai sa gore mo malatsing ano o ka fitlhela bangwe kgotsa dikompone di aba fela gore dipampiri tsa dikgang di kwale ka ga bone.

 A re dikompone tsa go nna jalo di a bo di dira di gabile dilo dingwe. A re mme se se botlhokwa ke gore batho ba dire ka tumelo le lorato e seng go ikgatlha ka letlhoko la ba bangwe. 

O bile a re bangwe baeteledipele ba abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka maikaelelo a go kopa tlhopho mo go bone.

A re fa go nang le boModimo teng, batho ba fiwa ka lorato le tlotlo a ba a kopa kereke go aba ka e setse morago thuto ya Baebele.

Rre Boko a re go aba dimpho ke selo sa nakwana, ka jalo go botlhokwa go thusa ba ba tlhokileng lesego ka thuto e e lekaneng go ba thusa go itshetsa botshelo jotlhe. 

Rre Boko o ne a eleletsa kereke le ba ba neng ba abelwa masego a ba a rotloetsa dikhwaere tsa kereke eo ka P1000.

Fa a ntsha la gagwe, mookamedi mogolo wa kereke eo, Rre Daniel Moipolai o ne a re maikaelelo a kereke ke go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya go nna  kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. A re ke sone se ba boneng go tshwanela gore ba abele ba ba tlhokileng lesego.

Rre Moipolai  o ne a rotloetsa ba ba neng ba abelwa go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone gore le bone ba kgone go thusa ba ba dikobo dikhutshwane mo isagong.

O ne a leboga Mopalamente wa pele wa Tonota, Rre Pono Moatlhodi go bo a ba kgothaditse  gore ba abe,  a re ba tlaa phatlalatsa tiro e ya go abela batlhoki le dikgaolo tsotlhe tse kereke e mo go tsone. O ne a ba a solofetsa fa a tlaa aba podi kwa kgaolong e e tlaa latelang go abelwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Tonota

Event : Kabo Dimpho

Date : 03 Apr 2016