Breaking News

Ba ipaakanyetsa letsatsi la badirelapuso

03 Apr 2016

Badirelapuso ba kgaolo ya Borwa Botlhaba ba semeletse ba ipaakanyetsa letsatsi la badirelapuso le le solofetsweng Moranang a le lesome le boraro.

E rile a amogela maloko a komiti e e baakanyetsang letsatsi leo, mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Tlokweng, Rre Patrick Tlotleng a kopa dikomiti tsotlhe go ithulaganya sentle go netefatsa gore tiro eo e a atlega.

Rre Tlotleng o kopile ba ba saletseng morago mo dipegong tsa bone go netefatsa gore tsotlhe di apara tshiamo mo malatsing a a setseng, le gone go kopa maphata a puso go isa maina a ba ba dirileng ka matsetseleko mo maphateng a bone pele ga kgwedi ya Moranang e tlhola gane gore ba tle ba fiwe ditlankana ka letsatsi leo.

 O kopile badirelapuso go netefatsa gore letsatsi la bone le a atlega, a ba lemotsha fa go se na ope yo o ka tswang kwa ntle go le ba natetsha go ba gaisa.

O kopile dikhamphani le boradikgwebo go ba tswa dithuso go netefatsa gore letsatsi leo le a atlega, bogolo thata ka dikipara tsa Botswana ka jaana lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso monongwaga.

Dikomiti tsotlhe di ne tsa ntsha dipego tsa tsone, mme go solofetswe gore maitiso a mmabontle le rabontle ba kgaolo eo, a tshwerwe kwa lefelong le le tlaa bolelwang mo malatsing a a sa fediseng pelo, Moranang e tlhola gane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Bokopano

Date : 03 Apr 2016