Tsela kgopo...
31 Mar 2016
Mme Cecilia Gojahile o sale a inaakantse le go gweba dingwaga tse di lesome le botlhano tse di fetileng mme le ka jeno o santse a tshwere ka thata.
E ne ya re ka 2001 a tsaya tshwetso ya go nna mogwebi yo mmotlana a rekisa dimonamone morago ga gore a tlogele tiro ka a ne a sa kgotsofalele dituelo.
A re le fa bangwe ba ne ba mo kgalela tshwetso e, o ne a sa kgobege marapo ka a ne a na le tebelopele ya se a se dirang, le gore o batla go goroga kae mo botshelong.
A re o ne a tswelela ka go boloka dipoelo tse a neng a di bona fa a rekisa dimonamone go fitlhelela a kgona go reka mogala wa Phones For You, o o neng o tlwaelesegile ka go bidiwa ‘ntsenyetsa pula’.
Mo nakong eo, e ne e se mongwe le mongwe yo o nang le mogala wa letheka, gape le tirelo ya ‘nzamela’ e se yo.
Mme Gojahile, yo e leng monni wa Shoshong, a re mogala o o ne o na le dipoelo tse di kwa godimo mo kgwebo ya gagwe e neng ya tsholetsega, a bo a kgona go tlaleletsa ka go rekisa merogo a tswakantse le di-tswa tshimong jaaka dinawa.
A re fa a sale a tsena mo kgwebong, letlhoko le tshokolo ke dilo tsa maloba, a tlatsa ka gore le fa tlhaelo e santse e le teng, kwa ga gagwe ga go nke go lalwa ka tlala, e bile le bana ba gagwe, ba mo nakong ya gompieno ba feditseng sekole, o kgona go ba tlhokomela ntle le bothata bope. Mo godimo ga moo o itheketse koloi e a e dirisang go rwala dithoto tsa gwebo.
E re ka dikgwetlho di se ke di tlhokega mo kgwebong, Mme Gojahile o tlhalositse gore o ithutile gore fa o le mogwebi, o tshwanetse go itse gore diemo di a fetoga, ka jalo go botlhokwa go itepatepanya le tsone.
A re kgwetlho e a e itemogelang gangwe le gape ke ya gore fa seemo sa loapi se fetoga, thekiso ya merogo e kgona go phutlhama fa mogwebi a sena kelelelo, a kaya gore khabetshe e kgona gore fa pula e na o itewa ke sefako, kgotsa ditamati di senyege fa mogote o le kwa godimo.
A re kgwetlho e nngwe ke ya gore fa o simolola go rekisa, go ne go se na phadisayno mme mo nakong ya gompieno barekisi ba oketsegile, mo go rayang gore go na le phadisanyo.
Le fa go ntse jalo, ga a tshwenyege thata ka o setse a na le botsalano le bareki ba ba mo emang nokeng ka dinako tsotlhe, a supa fa botsalano magareng ga moreki le mogwebi bo le botlhokwa go tiisa kgwebo.
A re fa moreki a tshwarega sentle o ngoka bareki ba bangwe, go bo go tila manokonoko a phadisanyo, ka jalo a rotloetsa bagwebi go nna lorato le boikobo mo bareking go tiisa le go godisa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : SHOSHONG
Event : Puisano
Date : 31 Mar 2016






