Lerato le a bopaganya
31 Mar 2016
Bogogi jwa kereke ya Ninifi Apostol Daily Mission kwa Maun bo gwetlhile setshaba go nna le lerato.
Go kopile jalo mookamedi mogolo wa kereke eo, Arch Bishop Gabaitsewe Mathemba mo molaetseng wa gagwe o a neng a o rola ka moletlo wa paseka kwa Maun.
Rre Mathemba a re dikereke di tlwaelesegile ka mokgwa wa go kubetsana o a kaileng fa e le one o gogelang batho kwa thaelong.
A re dikereke di rapela Modimo o le mongwe, ka jalo di tshwanetse go tshwaraganela lefoko la Modimo go fenya mmaba.
O ne a tlhalosa fa mo thapelong ya bone ba tlotla le go rata dikereke tse dingwe ka le bone ba amogela seo go tswa kwa diphuthegong tse dingwe.
A re ba rotloeditswe ke mokhanselara wa Bombadi/Thito, Rre Mmoedi Modiegi ka go ba fa lerato le dikgakololo.
Rre Mathemba o bile a gwetlha dikereki go ikilela. A re bangwe ba itlhokomolosa tumelo ya bone mme ba inaakanye le botagwa ga mmogo le botlhokatsebe ka malatsi a paseka.
E re go ntse jalo, Mme Obiditse Mosimanyane wa kereke ya UCCSA a re o gwetlhilwe ke lerato go ipelela malatsi a paseka le kereke ya Ninifi le ntswa kereke ya gagwe le yone e ne e tshwere mokete wa sebopego se.
Le ene fela jalo, o gwetlhile dikereke tsotlhe go tshwaragana go fana maele a ka fa di ka itlhabololang ka teng.
Kereke ya Ninifi e tlholega kwa Bobonong mme e na le makalana go ralala lefatshe leno.
Diphuthego tsotlhe tsa yone di ne di phutlhaganetse kwa Maun go tla go keteka paseka.
Fa godimo ga moo, kereke e, e ne e ipelela maiteko a yone a go kgona go duelela kgokelo ya motakase e e lopileng P22 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : MAUN
Event : Puisano
Date : 31 Mar 2016






