Breaking News

Maduo kwa Lobatse a a tshwenya

31 Mar 2016

Mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, o gwetlhile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana go tokafatsa maduo a a welang tlase ka monokela.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Peleng Botlhaba ka Labobedi. 

A re maduo a baithuti ba toropo ya Lobatse a sa jese diwelang.

Mme Kruger o gwetlhile batsadi go pataganela thuto ya bana le barutabana gore baithuti ba tle ba nne le bokamoso jo bo nitameng.

O kopile batsadi go fokotsa go berekisa bana thata morago ga sekole gore ba kgone go tsepama mo dibukeng ba ithuta. 

O ne a ba kopa gape go tlhomamisa gore ba lekola tiro ya baithuti kwa malwapeng gore e re ba sa kgotsofalela sengwe ba ikopanye le barutabana go batlela moithuti tharabololo ka dithuto tsa gagwe.

Mme Kruger o ne a gwetlha batsadi ba ba sa itewang seatla go inaakanya le ba ba iteilweng seatla go tswa mo masikeng go lekola dibuka tsa baithuti mo lwapeng.

O ne a tlatsa ka go re go tlhoka tsebe ga banana go ile magoletsa, ka jalo a gwetlha batsadi go letsa moretlwa e le tsela ya go ruta bana maitsholo a a eletsegang go na le go ba lesa ba tswa  mo tseleng.

A re ka tsela eo, go tlaa ruta bana maitsholo a a eletsegang mo isagong ba bo ba nna babusi le banni ba ba nang le boikarabelo mme ba age lefatshe le le nang le botho jo bo eletsegang.

Mo go tse dingwe o ne a kopa banni ba toropo go tlhomamisa gore ba tlhokomela loruo lwa bone go itsa gore lo saile mo mebileng. 

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ya Peleng Botlhaba, Rre Ontiretse Mosimanewamacha o kopile kemonokeng go tswa mo banning ba kgaolo go tshwagaranela kgetsi ya tsie le bone gore ba tle ba kgone maitlamo le maikaelelo a  go isa kgaolo ya bone kwa pele ka ditlhabololo.

O ba gwetlhile go boela mokgwa wa go supana ka menwana ka morago fa sengwe se sa tsamaya sentle mme a ba kopa gore ba dumalane ka bongwefela jwa pelo go fetola seemo go godisa tirisano mmogo mo kgaolong ya bone.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa pele wa komiti ya ditlhabololo, Mme Joyce Seleka o ne a kopa bogogi jwa toropo go ba kopela ba ofisi ya Gender Affairs go tlhoma lekalana la yone mo Lobatse ka jaana bontsi bo kokonelwa ke madi a sepalamo go ya go kopa dithuso kwa Kanye.

O ne a gwetlha banana go ititaya ka thupana go tlhomamisa gore ba akola mananeo a puso e a tlhomileng go tlhabolola matshelo a bone gore ba seka ba babalelwa ke manokonoko a lehuma.

Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka batho ba ba rekisang nnotagi mo malwapeng morago ga dinako tse di sa letlelelweng mme e bile ba supa fa ba ba tlhorontsha ka modumo bosigo.

Fa a ba kgwa dikgaba, Mme Kruger o ne a tlhalosa fa ba fetiseditse selelo sa banana kwa go ba ba maleba mabapi le makalana a ditirelo a tshwana le bo CEDA le LEA, mme a ba tlhalosetsa fa ba sa tshwanela go neela tshwene marapo mme ba tlhagafalele go simolodisa dikgwebo go ngoka makalana ao go tlhoma dikago tsa sennela ruri mo toropong.

Fa a afa malebo, mothusa mmatoropo e bile e le mokhansela wa kgaolo ya Peleng Botlhaba, Rre Francis Mokwena, o ne a lebogela matsapa a ga mmatoropo le makhanselara ga mmogo le bogogi jwa toropo go bo ba bone go tshwanela go kopana le banni ba dikgaolo ka go farologana go itseela ka tsebe mathata a banni ba kopanang le one.

A re seo se tlaa thusa go godisa tirisanyo mmogo gareng ga bogogi jwa toropo le setshaba.

O ne a kopa banni go kgaphela ntle mowa wa go nyatsana, a supa fa dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.

Rre Mokwena o ne a supa gape gore ba apesitswe kobo ka letshoba ke bana ba ba tletseng mo mebileng mme a kopa banni go tlhomamisa gore ba inaakanya le mekgatlho e e mo tikologong go ka tokafatsa matshelo a bana ba go nna jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Lolatse

Event : Phuthego

Date : 31 Mar 2016