Go thubega ga dikereke go tshwenya tona
23 Mar 2016
Mothusa tona wa lephata la botsogo Dr Alfred Madigele, o supile fa a tshwentswe ke dikereke tse di thubegang kgotsa di kgaogana e le ka mabaka a thoka kutwisisano.
Dr Madigele o buile se, fa a ne a laleditswe ke ba kereke ya Holy Sardar Apostolic go tla go baya semmuso mobishopo mogolo (Arch Bishop) Rre Daniel Makgelane wa kereke ya bone kwa Mmathethe ka malatsi a paseka.
O ne a tlhalosa fa puso e tshwenngwa ke dikereke tse di kgaoganang ka jaana di felela di baka gore go runye dikereke tse dingwe gape.
A re puso e eletsa go bona dikereke di tsamaisiwa sentle, di sa thubege, ka jaana se, se tlaa itsa go timetsa balatedi le maloko a tsone.
Mothusa tona yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Mmathethe – Molapowabojang a re fa dikereke di tsamaisiwa sentle, go nna le boitumelo mo malokong a tsone mme di tswelele go oka bontsi ja batho go nna seopo sengwe.
A re go botlhokwa thata gore boeteledipele jwa dikereke bo tsamaise dikereke tsa bone go ya ka fa lefokong la Modimo, bogolo jang ka melawana e e lesome ya Modimo, ga mmogo le molao wa lefatshe go tila go lwana mo kerereng.
Dr Madigele ka jalo o ne a mo kgothatsa go nna moeteledipele yo o boikobo, a le boingotlo, a sena boikgogomoso e bile a le tlotlo mo malokong a phuthego.
Fa a tswa la gagwe, mobishopo mogolo yo o sa tswang go bewa Rre Makgelane, o ne a leboga thata segolo bogolo, Modimo yo o mo fileng thata le nonofo ya go tsweledisa boeteledipele jwa kereke.
A re o na le tsholofelo e ntsi fa Modimo o tlaa mo fa maatla le nonofo ya go tsweledisa le go godisa kereke.
Moruti Makgelane o ne a kopa maloko a kereke go tswelela ba tshwaragane ba le seopo sengwe go tila go kgaogana jaaka mopalamente a ne a gakolola.
Fa a kgothatsa mobishop mogolo yo o sa tswang go bewa mo setilong, mobishopo mogolo wa kereke ya Word of Christ, Rre Moritha Thobogang, o ne a tlhalosa fa a itse e bile a na le tlhomamiso ya gore Rre Makgelane o beilwe mo setilong ke Modimo, ka jalo a tshwanelwa ke go tsweledisa tiro e Modimo a mmileditseng yone mo lefatsheng le mo kerekeng ya Holy Sarda.
Mobishopo mogolo Makgelane, o bewa jaana mo maemong a, morago ga loso lwa mobishopo mogolo Rre Tom Gojammu ka ngwaga wa 2012.
Fa a sedimosa kwa kereke e, e duleng teng, mokwaledi mogolo Rre Bafenyang Ngaka, o ne a tlhalosa fa kereke ya Holy Sarda e simologile kwa Aferika Borwa mme e simololwa ke Rre Tom Gojammu go tswa Mmathethe ka ngwaga wa 1963, fa a ne a direla kwa meepong.
E ne ya re ka ngwaga wa 1967, Rre Gojammu a tla go simolodisa kereke eo kwa Mmathethe ka jaana e le gone kwa kereke kgolo ya maloko a mo Botswana, Aferika Borwa le Namibia a kopanelang teng.
Mme e ne ya re ka ngwaga wa 1973, fa molao wa Botswana o laola dikereke gore di kwadisiwe semolao, kereke ya Holy Sarda ya kwadisiwa mme ya simolola go anama le Botswana. Kereke eo jaanong e na le maloko a ka tshwara 16 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segametsi Kebonang
Location : MMATHETHE
Event : Phuthego ya kereke
Date : 23 Mar 2016






