Breaking News

Kgosi o rotloetsa mowa wa boja mmogo

23 Mar 2016

Kgosi Tatlhego Repheya wa kgotla ya Disana II o gwetlhile morafe wa gagwe go tshwaragana ba nna seopo sengwe go kgona go hema mathata a a ka tlhagang mo motseng wa bone. 

O buile se mo phuthegong ya gagwe ya ntlha morago ga go amogelwa semmuso bosheng.O dirile se ka go bitsa makalana a a amegang a tshwana le mokhanselara, ba sepodisi, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Disana, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, baruti ba dikereke tse di mo Disana ga mmogo le ba kabo ditsha.

Kgosi o ne a supa fa phuthego ya gagwe ya ntlha e le go itse botlhe ba ba nnang mo kgotleng ya gagwe le gore ba mo itse.

 A re se se ka thusa ka e kare go na le mathata golo gongwe go kuiwe mokgosi mme thuso e tswe teng.

Kgosi Repheya a re mokhanselara, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ba tshwanetse go nna sekao mo morafeng ka go dirisana le go gata dikgato di le dingwe le ene, ka boraro jwa bone e le bone palamente ya motse.

A re fa go ka tlhoka go nna le tshwaragano magareng ga bone ka boraro e le baeteledipele ba motse go ka baka gore batho ba Disana ba nne le dikgotlhang tse di feteletseng ga mmogo le gone go busetsa ditlhabololo kwa morago.

Kgosi o ne a tlhalosetsa phuthego ya gagwe fa lefelo la kgotla jaanong ba setse ba le filwe ke ba lekgotla la kabo ditsha ka jalo ba gololesegile go dira ditlhabololo tse ba di batlang mo go lone.

A re se se gwetlha morafe gore o ititeye ka thupana go bona gore ofisi ya kgotla e a agiwa ga mmogo le matlwana a boitiketso. 

O ile a kopa morafe go nna le mowa wa bojammogo ka go ithaopa go ntsha sengwe le sengwe se ba nang le sone, ga mmogo le tsone diatla go aga fa ba ka bolokang didirisiwa tsa kgotla le tsa komiti ya ditlhabololo teng.

Go supa fa morafe o gatetse pele, kgosi o ne a tlhalosa fa Rre Keetile Phuthego a ntshitse madi a a kanang ka makgolo a mabedi a dipula mokhanselara Mme Boemo Rammuso a tsibogile ka go ntsha dikgetsi tse di lesome tsa semente le seokomelabagwe.

A re baruti ba dikereke tse di mo Disana ba tshwanetse go ikwadisa gore go tlhomamisiwe gore di ka fa molaong. A tlatsa ka gore dirukutlhi dingwe di dirisa tsone dikereke tse di sa itsiweng go fitlha dilwana tsa bone mo teng, ka jalo fa dikereke tse di ka tlhomamisiwa go tlaa bo go fokodiwa le tsone dikgang tsa bogodu. 

O tlhalositse fa dikgato di tlaa tseelwa bao ba ba obamang fela e se ka fa molaong.

Go iteela mafoko a gagwe moroko, Kgosi Repheya o ne a kopa morafe go tlotlana. 

A re fa go sena tlotlano fa gare ga morafe ga gona ka fa ba ka fenyang tseo tse di maswe ka teng, ka jalo morafe o tshwanetse go tshwaragana go kgona go isa Disana pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Montle Modisawamarole

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Mar 2016