Banana ba Kasi ba supa lorato
30 Mar 2016
Banana ba mokgatlho wa Bana ba Kasi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume, ba abetse Mme Wabo Chitema dijo le melora e e tlhapang le e e tlhatswang tse tsotlhe di lopileng madi a a kana ka P900 le diaparo tsa bana.
E rile fa a aba dimpho,modulasetilo wa mokgatlho oo,Rre Tumelo Ntakwa a tlhalosa fa mokgatlho oo ba o bopile morago ga go lemoga fa banana ba tsaya nako e ntsi ba inaakatse le nnotagi le go dira ditiro tsa botlhoka tsebe.
Rre Ntakhwa a re maikaelelo a bone e ne e le go aga banana go ba ntsha mo ditirong tseo tsa botlhoka tsebe go ba tlogedisa go nwa bojalwa le go tla ka megopolo e e tlaa lekang go nyeletsa boitsholo joo mme ba dire sengwe mo motseng se se tlaa tswelang setshaba mosola.
O ile a tlhalosa fa gape moono wa mokgatlho oo e le go thusana le puso fa ba ka kgonang teng jaaka go phepafatsa tikologo le go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re mokgatlho wa bone ga o na dipoelo ka jalo ba nna ba kopa dithuso le dikgakololo mo bathong go leka go fitlhelela maikaelelo le moono wa bone wa go thusa setshaba.
O kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena mo mokgatlhong oo,a bolela fa mokgatlho oo o simolotse ngogola ka kgwedi ya Phalane e bile ke mokgatlho o o kwadisitsweng ka fa molaong.
O tsweletse a supa fa e le lantlha ba simolola go aba,mme ba tlaa nna ba tswelela ba aba le go oka banana go tswa mo dinotaging le go tsamaya mo dikoleng ba a fa bogakolodi.
Mokhanselara wa Tutume borwa,Rre Morris Keaketswe o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke banana bao,a re puso e na le mananeo a le mantsi a a itebagantseng le banana jaaka la YDF go tlhabolola matshelo a bone.
Kgosi Mpilo Magapatona le ene o ne a lebogela banana bao tiro e ntle e ba e dirileng. Kgosi Magapatona a re batho ga ba tshele sentle ka borukutlhi jo bo diragalang mo motseng bogolo jang bo dirwa ke banana.
O ba akgotse,a re se ba se dirang se tlaa fetola banana ba le bantsi fa ba ka tswelela jalo ka mowa o le mongwe.
Fa a amogela dimpho tseo,Mme Chitema o ne a bolela fa banana bao ba arabile selelo sa gagwe,a tlhalosa fa botshelo bo le thata mo go ene mo a setseng a itshopere fela a sena se a nang naso ka a ne a kgona go rekisa dilwana tsa gagwe gore a kgone go rekela bana se se isiwang kwa maleng.
O lebogetse lerato le batho ba kgotla ya Magapatona ba le supileng mo go ene le banana ba mokgatlho wa Bana ba Kasi . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo-dimpho
Date : 30 Mar 2016






