Breaking News

Molefhi o kopa kereke go nna sekao mo setshabeng

31 Mar 2016

Tona wa dikago boranyane le boitseanape Rre Nonofo Molefhi, o gwetlhile kereke ya Bautlwi ba lefoko go nna sekao mo setshabeng jaaka leina la kereke ya bone le bolela gore ke bautlwi ba lefoko la Modimo.

Tona o boletse jalo fa a bua kwa malatsing a paseka kwa Bobonong.

Tona Molefhi yo gape e leng mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go aga le go tlhabolola maitsholo le matshelo a setshaba.

O boletse fa kereke e tlamega go tshwaragana le puso gore e tle e nne le seabe mo go thuseng puso mo go rotloetseng setshaba go diragatsa le go tsaya mananeo a puso a tshwana le lenaneo la nyeletso lehuma, lenaneo la go thusa banana go ipulela dikgwebo le mananeo a mangwe a puso.

A re kereke e tshwanetse go nna le seabe se setona mo go ageng maitsholo a setshaba go itsa dikgang di tshwana dipolaano tsa baratani, go thubega ga malwapa ga mmogo le go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.

Tona o tlhalositse fa go supile fa seabe sa dikereke se le segolo mo go tokafatseng matshelo a batho ga mmogo le go tshwaragana le puso ka e ne ya re bosheng puso ya ikuela mo dikerekeng go rapelela pula morago ga go lemoga fa lefatshe leno le tlhasetswe ke leuba le tlhaelo ya metsi mme dikereke tsa lefatshe leno tsa dira jalo mme pula ya na matamo a lefatshe leno a sala a tletse metsi.

Mo go tse dingwe, tona o gwetlhile kereke e, go dira ka natla le tshwaragano gore e age ntlo ya kereke e e tlaa kgonang go akaretsa diphuthego tsotlhe tsa yone tse di tswang kwa mafelong a mangwe ka e le yone kereke kgolo.

Tona o boleletse maloko a kereke e, gore ba ka kgona se fela fa ba ka tshwaraga ba bo ba nna le poifo ya gore ntlo ya kobamelo Modimo e tshwanetse go lebega sentle go na le gore ba kgabise malwapa a bone ntswa ntlo ya bone ya kobamelo e sa lebege sentle.

Tona o feditse ka go abela kereke e ditilo di le masome a mararo mo letsholong la go e tlhabolola.

Moruti wa kereke e, Rre Pogiso Modikwa o ne a lebogela tona go bo a ile a tsibogela taletso ya bone a sa lebelela gore kereke ya bone e botona bo kae e bile e tlhabologile go le kae.

A re tona o supile fa e le moeteledipele wa setshaba wa nnete yo o tsayang batho ka tekatekano.

Moruti o tlhalositse fa dikgakololo tse tona a di neetseng kereke ya gagwe di tlaa ba gwetlha gore ba dire go menagane go tlhabolola kereke ya bone mme ba tlaa tshegetsa dikgakololo tsa gagwe gore di se wele fatshe.

Mokwaledi wa kereke e, Mme Bokhutlo Ramalebo o tlhalositse fa kereke ya Bautlwi ba lefoko e tlhamilwe ka ngwaga wa 2003 e bile e setse e na le makalana a le masome a mabedi le bone mo lefatsheng leno.

A re kereke ya bone e setse e anametse kwa lefatsheng la Aferika Borwa le Zimbabwe mme kereke kgolo yone e mo Bobonong mo e tlholegileng teng, e tlhamilwe ke Rre Pogiso Modikwa.BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : Phuthego

Date : 31 Mar 2016