Thuto e botlhokwa
30 Mar 2016
Mothusa mookamedi wa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Bokhutlo Modukanele a re matlhotlha pelo a a bakwang ke dikotsi tsa tsela a ka emisiwa ka go ruta setshaba botlhokwa jwa ipabalelo tseleng.
Rre Modukanele o buile se mo ithutuntshong ya ipabalelo tseleng ko Moshupa bosheng.
A re go lemotshegile fa dikotsi dingwe di bakwa ke bakgweetsi ba ba itlhokomolosang matshwao a tsela.
O tlhalositse gape fa bakgweetsi bangwe ba batla go laolwa ke mapodisi mo ditseleng, selo se a se kgadileng fela thata.
A re ke tshwanelo ya mokgweetsi mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo jwa go itshireletsa le go sireletsa badirisi ba tsela ka ene.
A re dikotsi tsa tsela di gapa segolobogolo matshelo a borre ka bontsi ba e leng bone ditlhogo tsa malwapa mme ba tlogele bohutsana mo malwapeng. O kaile fa mo ngwageng o o fetileng batho ba latlhegetswe ke matshelo ba le makgolo a mane le lesome le motso.
Ka jalo o kopile bakgweetsi go obamela matshwao a tsela le go netefatsa fa dikoloi tsa bone di itekanetse go tsamaya mesepele e meleele.
Rre Modukanele o ne gape a gwetlha bapalami go lesa mokgwa wa go tsenya bakgweetsi mo kgatelelong ya go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng.
E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Moanakwane Keloneilwe wa Goo-Kodisa o ne a bolela fa melawana mengwe ya tsela e siilwe ke nako ka jalo e tlhoka go sekwasekwa sesha go e tokafatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Rampebana
Location : MOSHUPA
Event : Ithutontsho
Date : 30 Mar 2016






