Tona o kopa kereke go busetsa serodumo
29 Mar 2016
Tona ya ditsha le matlo Rre Prince Maele o kopile dikereke go itshekatsheka mme di busetse serodumo se di neng di itsege ka sone.
Tona Maele o buile jalo kwa meletlong ya malatsi a paseka kwa kerekeng ya St Joseph Apostolic kwa Palapye bosheng.
A re bokao jwa dikereke bo fetogile fela thata mme se, se ka busediwa fela ke bone mo tseleng.
Rre Maele a re dikereke di itsege e le tsone tse go neng go na le tshiamo kwa go tsone, di aga dikole le dipatela, di tlhabolola metse mme mo bo gompienong go fetogile.
A re dikereke di dule mo tseleng, ga go na kagiso le kutlwano, a tlatsa ka gore pele batho ba ne ba itse fa ba ka kgona go siela kwa dikerekeng fa ba le mo mathateng kgotsa ba tshwerwe ke tlala mme go fetogile.
O ne a kopa ba St Joseph Apostolic go ema ka dinao mme ba busetse serodumo se dikereke di neng di tlwaelesegile ka sone.
O ne a tlhalosa gore dikereke ga di sa tlhole di direla modimo ka fa go tshwanetseng, a re bokao jwa bone bo ile kwa tlase fela thata, a tlhalosa gore bakereki ga ba sa tlhole ba nale pharologanyo le mo go b aba sa tseneng kereke.
Rre Maele a re bakeresete ba dira dilo tse di maswe, ba bonwa mo mafelong a a sa siamang e bile ga ba na pharologanyo mme a ba kopa go itshekatsheka ba bone gore ba a fetoga ba ba busetse boleng jwa dikereke le bokeresete kwa maemong a di tlholegileng di itsege ka tsone.
O ne a tswelela a re go diragala dilo tse di gakgamatsang, mme ba tshwanetse go ipopa ba itshupe gore bone ba na le pharologanyo mo setshabeng.
Rre Maele o ne a ba rotloetsa go tsena mo bathong, go rera lefoko la Modimo, go fa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le go thusa ba bangwe.
O ne a ba kgothatsa gape le go emela dikereke tsa bone ka dinao, go bona gore di dira ditiro tse di eletsegang mo setshabeng le mo lefatsheng ka bophara, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go dira tseo tse di tsamaelanang le bokeresete jwa bone.
Fa a tswa la gagwe mookamedi wa kereke eo Bishop Jeremiah Tsheko, o ne a tlhalosa fa le bone ba itlhomile kwa pele go ruta batho ka lefoko la Modimo le go dira tsotlhe fela go ka thusa puso.
Bishop Tsheko o ne a tlhalosa gore ba rotloetsa thata gape banana go fokotsa nno tagi le go dirisa botlhaswa diritibatsi, bomosola ja go tlhopha gore Batswana e nne batho ba ba nang le boikarabelo e bile ba kgathala ka matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Palapye
Event : Moletlo
Date : 29 Mar 2016






