Masisi o kgothatsa kereke go akola ESP
29 Mar 2016
Mothusa Tautona Rre Mokgweetsi Masisi o rotloeditse maloko a kereke ya Eloyi go dirisa lenaneo la ESP le ka lone puso e ikaelelang go rudisa itsholelo.
A re lenaneo le ke la Motswana mongwe le mongwe go akarediwa maloko a kereke ya Eloyi.
A re ba tlhokomologe dikgang tse dingwe tsa gore ba itlhokomolose lenaneo le ka di ka ba ntsha mo tseleng mme ba tlhoke go akola meamuso e puso e e direlang Batswana.
O tlhaloseditse maloko a kereke eo fa a filwe boikarabelo ja go kgweetsa lenaneo la ESP, mme e bile a le kgweetsa fela sentle.
A re e le puso ga ba letlelele tshenyo kana tshenyetso setshaba mme e bile ba tlaa baya seemo leitlho go bona gore lenaneo la ESP le tsamaya fela sentle.
Mo go tse dingwe Mothusa Tautona Rre Masisi o lebogetse seabe sa kereke ya Eloyi mo go tlhabololeng lefatshe leno.
A re kereke e ga e rere lefoko la Modimo fela mme e abela batho ba ba tlhokileng lesego dijo, diaparo le tse di tlhapang, ditlhare le dijalo a tlhalosa fa puso e rotloetsa mowa wa kutlwelobotlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego.
A re kereke e e rile bosheng ya abela bomme ba magolegwa ko Mahalapye.
A re kereke ya Eloyi ga e fekeediwe ke mathata a yone mo go felelang kereke e thubega mme a ba rotloetsa gore kereke e e seka ya reketla.
A re puso e tshwenyegile thata ka go thubega ga dikereke, mme a rotloetsa maloko a Eloyi go rapelela dikereke tse dingwe tse di nang le bothata jo bo ka bakang go thubega ga dikereke tseo gore di seka tsa thubega.
A re puso ga e eletse gore go nne le dintwa tsa tumelo mme a tlhalosa fa se se ka kgonega fa kereke e ka nna seopo sengwe go tila go thubega le dintwa.
O ba rotloedtse go ratana, go tlotlana, go thusana le go ikobela Modimo.
Mo godimo ga se, mothusa tautona o lebogile kereke ya Eloyi fela thata ka thotloetso le kemonokeng e ba e fang puso, a tlhalosa fa puso le yone e tlaa fa kereke eo kemonokeng.
Fa a amogela mothusa tautona, Kgosi Dintwa Motsamai wa Tsetsebjwe a re dikereke di eme puso nokeng ka ditsela tse di farologaneng, dingwe tsa tsone e leng go kgalema botlhokatsebe, go tlhokomela batlhoki le banalebogole.
A re Eloyi ke nngwe ya dikereke tse di dirang jalo.
O ile a kopa puso bogolo jang ba kabo ditsha go thusa dikereke ka ditsha.
Kgosi Motsamai o ile a lela ka letlhoko la metsi mo motseng wa gagwe ntswa dikereke bontsi di kopanetse ko Tsetsebjwe go ipelela letsatsi la papolo ya morena.
Fa a leboga Tautona, modulasetilo wa khuduthamaga ya kereke ya Eloyi Moruti Mosa Moshoeshoe o tlhalositse fa kereke ya Eloyi e gola letsatsi le letsatsi.
A re kgwetlho e tona ke gore kereke eo ga e na lefelo le e ka atolosetsang dikago tsa kereke teng, a kopa gore puso e ba thuse ka lefelo.
A re Eloyi e eleletsa lefatshe leno boipuso jo bontle ja dingwaga tse di masome matlhano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Tsetsebjwe
Event : Tirelo ya kereke
Date : 29 Mar 2016






