Dikgosi di kopa morero ka tlhokomelo ya mabitla
29 Mar 2016
Dikgosi tsa kgaolo ya Kgatleng di kopile khansele ya kgaolo eo gore e dire morero o o lolameng ka tsamaiso le molao o mosha wa tlhokomelo ya mabitla.
Dikgosi di supile se mo phuthegong e mo go yone Kgosi Segale Linchwe a neng a biditse khansele go tla go tlhalosa ka dikgang e e amang molao o mosha wa tlhokomelo ya mabitla.
Phuthego e ne e akaretsa dikgosana, khansele le botlhe ba ba amegang gore go bonwe tlharabololo ya kgang eo.
Kgosi Segale o ne a supa fa a utlwile ka go simolodisiwa ga molao o mo lekwalong lengwe la dikgang mme a makala gore tshwetso eo e tserwe jang ba sa rerisiwa.
A re se a se gakologelwang ke gore go ne ga simolodisiwa dipuisanyo ka kgang eo mme khansele ga e ise e ko e boele gape kwa go bone gore tshwetso e e tsewang e bo e sekasekilwe pele ga e dirwa molao.
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, o ne a tlhalosa fa e le boammaruri molao oo o dirilwe e bile ka tshwanelo o ka bo o setse o le mo tirisong mme a re go supega sentle gore dikgosi le morafe ga ba aka ba rerisiwa sentle, ka jalo a kopa khansele gore e name e emisitse molao oo go fitlhelela botlhe ba ba amegang ba rerisiwa.
O ne a tlhalosa gore e rile ka 2008, khansele ya dira melawana eo ya mabitla, ba filwe dithata ke Local Government Act go tla ka melawana e e ba thusang go tsamaisa ditiro tsa khansele.
Modulasetilo a re go ya ka ditshekatsheko morafe wa Bakgatla ga wa rerisiwa sentle e bile le metse e e kwa ntle ga Mochudi ga ya lemotshiwa ka molao oo mme seo se ka tloga sa tsosa dikgotlhang mo khanseleng le Bakgatla.
O ne a supa fa a biditse khuduthamaga ya gagwe ya baeteledipele ba dikomiti tsa khansele golebisana kgang eo mme ba tla bowa gape ba kopana le ba ba amegang go bona gore tsela pedi go tsewa efe.
A re o dumela gore ga se gore dikgosi di gana molao oo mme fela therisano ga ya nna e e lekaneng go ka fitlhelela pheletso ya one. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mochudi
Event : Phuthego
Date : 29 Mar 2016






