UCCSA e aga ntlo ya boapeelo
29 Mar 2016
Kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Bobonong e simolotse kago ya ntlo ya kapei bosheng.
Fa a bua kwa phuthegong ya kereke eo, moruti wa Apostolic Faith Mission yo e bileng e ne e le molalediwa wa tota Rre Tshegofatso Ponego o tlhalositse fa kago ya ntlo ya kapei e le botlhokwa ka jaanong kereke e tla nna le fa e tlaa apeelang dijo teng ka nako ya dipula kana diphefo.
O tsweletse a tlhalosa fa se se tlaa neela baeng sebaka sa go ka bona dijo fa ba etetse kwa kerekeng.
A re ke tshwanelo ya kereke go ka tlamela masiela, batlholagadi le batho ba ba tlhokileng lesego ka dijo ka gore go le gantsi batho ba mofuta oo ba ya kwa ntlong ya modimo go sena sepe se ba se jeleng kwa malwapeng.
Rre Ponego a re kereke ga e a tshwanela go nna lefelo la khumanego kana tshokolo a tlatsa ka gore botshelo jo bo ntle jo batho ba bo tshelang kwa malwapeng bo tshwanetse go tshwana fela le jwa mo kerekeng.
A re modimo o neile motho thata ya go laola le go tlhokomela dilo tsa one tse o di dirileng mo lefatsheng ka jalo a tlhalosa fa batho ba tshwanetse go isa dilo tseo kwa ntlong ya Modimo.
A re fa motho a direla modimo kana a neela dimpho o tlaa neelwa go feta ka fa a neeileng ka teng.
Moruti Ponego o neetse sekai ka lekwalo la ga Luke wa borataro temana ya masome a mararo le boferabobedi le le reng, “nayang le tlaa neelwa go tladitswe e bile go tsikitleditswe.”
Fa a latlhela la gagwe, mongwe wa maloko a UCCSA, Mme Sarah Mosweu, o supile fa ntlo ya modimo e le ntlo ya mowa ka jalo a tlhalosa fa batho ba ba itlhaopelang go direla modimo ba le lesego fela thata a tlatsa ka gore thomo ya modimo e tla mo mothong gangwe fela.
O kaile fa pitso ya modimo e tla mo mothong ka ditsela tse di farologaneng di akaretsa kopelo kana mmino.
Rre Moses Maake yo e leng ene a itlhaopileng go aga ntlo ya kapei o tlhalositse fa go tsena kereke ya UCCSA go mo ntshitse mo lefifing. A re go nneng leloko la kereke go mo dirile gore a lemoge fa a ntse a sa dirise madi a gagwe sentle a tlatsa ka gore o ne a lemoga fa kereke e sena fa e ka apeelang baeng dijo teng fa ba etetse kwa kerekeng mme seo sa mo gwetlha go dirisa madi a gagwe go simolola ntlo ya kapei. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : Bobonong
Event : Phuthego
Date : 29 Mar 2016






