Leepo morekisi mogolo wa Kutlwano
29 Mar 2016
E re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana, ke monyeyo fela mo mogwebing wa bukana ya Kutlwano kwa Jwaneng, Rre Oatile Leepo.
Rre Leepo, yo o dingwaga di masome a mane le botlhano, a re o simolotse go rekisa Kutlwano e e gatisiwang ke lephata la dikitsiso ka ngwaga wa 1999 a tlhalosa fa ka nako eo e ne e rekwa ka 50 thebe.
O kaile fa Kutlwano e sa bolo go mo kgatlha fa a sa ntse e le moithuti ka e ne e mo ruta go kwala le gone go itse gore go diragalang mo lafatsheng.
“Nna le Kutlwano re tswa kgakala, ke gopola fa ke sa ntse ke tsena sekole ke ne ke nna fela ke e bala mme ka ithuta go kwala sekgoa se se phepa le gone gore matshwao a mokwalo le manatetsha puo gore a dirisiwa jang.”
Rre Leepo o tlhalositse fa a ne a bona gore motho o ka itshedisa ka go gweba ka Kutlwano ka jaana ka nako fa e simololwa go gatisiwa e ne e le yone fela e setshaba se neng se e kgatlhegela e bile e sa ture.
A re kgwebo ya gagwe o e simolotse kwa maemelong a dibese a Gaborone mme nako eo Kutlwano e ne e rekwa ka bonako ka jaana batho ba ba tsayang maeto a maleele ba ne ba batla sengwe se se ka dirang leeto lekhutshwane.
Mogwebi yo a re erile go bona fa bagwebi ba Kutlwano ba oketsega kwa Gaborone, a tsaya tshwetso ya go tla go rekisa kwa Jwaneng.
O kaile fa kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata mo a kgonang go rekisa lebokoso la bukana ka letsatsi bogolo thata fa go na le polelo ka mongwe wa badiragatsi ba ba itsegeng mo lefatsheng leno.
“Kgwebo e tsamaya sentle fela thata ka jaana ga nke ke lala ka tlala ka letsatsi lepe e bile dipoelo tse ke di bonang ke kgonne go bula kgwebo e nngwe ya go rekisa dilekere le tse dingwe.”
Rre Leepo o tlhalosa fa dikgwetlho tsa gagwe e le go nna dingalo ga bareki ka go batla go reka ka tlhwatlhwa e e kwadilweng go tswa kwa ofising a kaya fa bareki ba lebala gore o itshetsa ka go gweba ka bukana e.
O ne gape a kaya fa go a tle go nne thata mo botshelong jwa gagwe ka nako ya Kutlwano e sa gatisiwa ka gore sekale sa itsholelo kwa lelwapeng la gagwe se ya tlase.
“Fa Kutlwano e sa gatisiwa gone go nna dingalonyana ka jaana ke tlaa bo ke lebile fela mo dipoelong tsa thekiso ya dimonamone.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : Jwaneng
Event : Potsolotso
Date : 29 Mar 2016






