Badiri ba tlhatlhelela banana kwa Palapye
23 Mar 2016
Banana ba gakololwa gore e re jaaka ofisi ya banana e tlaa bo e simolola go amogela dikopo tse disha tsa ikopelo madi a dikgwebo tsa banana tsa ngwaga wa 2016/2017 ba bo ba ikemiseditse go ka dirisa madi sentle.
Mogolwane wa lenaneo la banana, Rre Kago Moshengwa, a re madi a a fiwang banana go itshimololela dikgwebo ke ditlamelo tse di lekanetseng, ka jaalo banana ba tshwanetse gore ba dirise madi a teng ka botlhale.
Banana kwa Palapye ba ne ba gakololwa se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke ofisi ya banana, metshameko le ngwao go ba tlhatlhelela ka tsamaiso ya go ikopela le go abiwa ga madi a banana.
Rre Moshengwa a re maikaelelo a ofisi ke go bulela dikopo tsa Youth Development Fund (YDF) mo kgweding ya Moranang mme ofisi ga e ise e tlhomamise letsatsi.
A re fa letsatsi le bewa, banana ba tlaa itsisiwe.
A re lenaneo la YDF le fiwa banana ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya go tse di masome mararo le botlhano mme a sa tsene sekole, a sena dithuto dipe tse a di dirang a sa bereke, mme fa a bereka a amogela madi a a sa feteng P2 500 ka kgwedi.
A re banana ba ba nang le dikgwebo ga ba kake ba kgona go thusiwa ka YDF fela fa e se ba ba nang le dikgwebo tse di dirang dipoelo tsa P5 000 go ya kwa tlase ka kgwedi mme ba batla go di oketsa.
Mme a re ba tshwanetse go tla ka mekwalo e e supang gore kgwebo e ntse e dira jang.
Mookamedi wa lekalana la Serowe la Companies and Intellectual Property Authority (CIPA), Mme Onkokame Kgosikoma o ne a tlhalosetsa banana ka ditirelo tse ba nang le tsone kwa CIPA jaaka go kwadisa maina a kgwebo le dikompone.
A re kopo ya leina la kgwebo kana khamphani e tshwanetse go tsaya malatsi a pereko a le matlhano, go kwadisa kompone kana kgwebo le gone fela jaalo.
Rre Jimmy Joseph go tswa kwa Local Entrepreneurship Authority a re lekalana la gagwe le ikemiseditse go thusa banana, mme a ba rotloetsa go tla kwa ofising ya bone gore ba ba thuse ka tse ba eletsang go di dira mo kgwebong, le go ba fa maele ka dikgwebo tse ba batlang go di dira. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Mar 2016






