Dipalamo tsa setshaba di tlola molao
23 Mar 2016
Dipalamo tsa setshaba tse di fetang ka Khumaga di sa tsene mo motseng oo go pega batho kgotsa go ba folosa mo motseng di a bo di tlola molao.
Tlolo molao e, e ka dira gore dipalamo tsa setshaba tseo, di tseelwe diteseletso tsa go pega setshaba.
Se se tlhalositswe ke mookamela kgaolo ya Legare mo lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, Mme Ability Kereemang kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo ka Mosupologo.
Mme Kereemang o ne a kopa morafe go ba begela ka dipalamo tse di dirang jalo gore ba tseelwe dikgato tse di maleba, a supa gore fa ba sa begelwe ba ka tsaya gore sengwe le sengwe se tsamaya ka tshiamo.
O ne a tsibogela matshwenyego a morafe a gore dipalamo tsa setshaba ga di tsene ka motse wa bone, ka jalo di ba folosa kgakala le motse ebile go nna thata gore ba bone se ba se palamang fa ba tsaya maeto go tswa mo motseng wa bone.
Fa a tsibogela matshwenyego a bogodu jwa leruo mo motseng oo, mogolwane wa mapodisi, Rre Harrison Digobe o tlhalositse fa bogodu jwa leruo bo gakadiwa ke barui ka gore ga ba dise leruo la bone.
Rre Digobe a re fa dikgomo di utswilwe ba tsaya lebaka go lemoga gore di nyeletse le gone gore di utswilwe leng.
O tlhalositse fa dirukutlhi tsa leruo di aga masaka mo sekgweng,e bile batho ba a tle ba bidiwe go tla go supa dikgomo tsa bone mo masakeng ao.
Rre Digobe o tlhalositse fa borukutlhi jo bogwe mo motseng oo e le jwa dikiteo tse di diragalang fa batho ba le kwa majalweng.
A re ntswa go na le borukutlhi kwa motseng oo, ga bo ise bo tswe mo taolong fa bo tswantshiwa le mafelo a mangwe.
Rre Digobe o ne bolelela morafe gore ka ntata ya tlhaelo ya madi ga ba kake ba kgona go aga ofisi ya sepodisi koo (satellite police station),mme morafe o tlaa tswelela o thusiwa ke mapodisi a a nnang kwa motseng oo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Khumaga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Mar 2016






