Breaking News

Mogobane o tlhophile komiti

23 Mar 2016

Banni ba Mogobane ba tlhophile komiti e e tlaa emelang dikeletso tsa morafe mabapi le dikgang tsotlhe tse di amanang le letamo le le mo motseng oo. 

Komiti e ya borre ba le bane le mme a le mongwe, e tlhophilwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ka Labotlhano.

Komiti e e tlhophiwa morago ga gore banni ba ngongorege ka ditsamaiso mabapi le tiriso ya letamo le.

Ba re komiti ya ditlhabololo tsa motse ga e a ba rerisa fa e tsaya ditshwetso dingwe ka letamo. 

Ba boletse mo phuthegong fa e le keletso ya bone go bona letamo leo le eteletswe pele ke morafe wa Mogobane ka le le mo motseng wa bone.

Mongwe wa banni, Rre Mokalo Shorane o boletse fa banni e le bone ba epileng letamo leo e bile ba tsweletse ka go le tlhokomela mme jaanong go a swabisa gore ba kgaphelwe kwa ntle fa go tsewa ditshwetso lone.

Rre Clement Kokwe ene o boletse fa e le keletso ya gagwe go bona komiti e e sa tswang go tlhophiwa e dira ka natla gore letamo le solegele morafe molemo.  

 Mothusa mokwaledi wa komiti eo, Rre Kutlo Ditsele o kopile morafe gore o dirisanye le komiti sentle ka go fa dikgakololo tse di maleba.

Fa a akgela, mokhanselara wa Mogobane, Rre Dilo Abram a re o eletsa gore letamo leo le direle morafe madi go dirisiwa methale e e farologaneng jaaka go tshwarwa ga ditlhapi, motse wa ngwao (cultural village), le go dirisiwa ga mekoro ke bajanala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Mogobane

Event : Ditlhopho

Date : 23 Mar 2016