Breaking News

Monana o itshetsa ka maranyane

23 Mar 2016

E re ka maranyane e le karolo ya botshelo jwa segompieno, monana mongwe kwa Ikongwe mo kgaolong ya Legare, Mme Gothusamang Monnanao, o inaakantse le go gweba ka tsa maranyane.

Fa a bua mo potsolotsong, Mme Monnana o tlhalositse gore kgwebo ya gagwe e e simolotseng dingwaga tse nne tse di fetileng e itebagantse le go fa banni dithuso tsa maranyane di akaretsa go dira meriti, go romela melaetsa(fax),go tsaya dinepe le go ruta ka tiriso ya dikhomputara.

A re e re lentswa a sa ya kgakala mo dithutong tsa gagwe ka a feletse ka lekwalo le le golwane la botlhano, se ga se a ka sa mo kgoba marapo go itirela, a tswelela ka gore ene ke motho yo o sa rateng go nna a sa dire sepe.

A re e rile a sena go wetsa dithuto tsa gagwe, a inaakanya le ditiro tsa mo motseng di tshwana le go berekela komiti ya motse ya ditlhabololo, kwa a dirileng teng e le mokwaledi lebaka la dingwaga tse pedi.

A re fa a ntse a direla koo, ba kompone ya Mascom ba ne ba abela komiti semausu sa Mascom Kitsong Centre ka maiteko a go tsisa ditlamelo tsa maranyane  mo metseng e e kgakala le ditlamelo tsa mofuta o.

Mme ka mabaka a tlhaelo ya dikitso tsa go tsamaisa kgwebo ya maranyane, ba Mascom ba ne ba bona go le botlhokwa go isa mongwe wa banana ba mo motseng kwa dithutong gore e nne ene a tlaa tsamaisang Kitsong Center, ka moo komiti ya ditlhabololo ya mo tlhopha ka a ne a setse a supile kgatlhego.

E ne ya re fa a boa kwa dithutong tse, tse di tsereng sebaka sa dibeke tse pedi, a rolelwa kgwebo e go e tsamaisa e le ya gagwe, jaanong e sa tlhole e le ya komiti ya ditlhabololo jaaka go ne go ntse pele.

A re mo nakong ya gompieno kgwebo e tsamaya ka thelelo e bile e mo solegela molemo  thata ka e bile kgwebo ya mofuta o e dirwa ke ene a le nosi mo motseng.

A re ere ka go sena motlakse mo Ikongwe, banni ba tsisa megala ya bone ya letheka  go tsenngwa molelo mme ba duela, ntlha e a supileng fa e le yone e mo tsenyetsang madi thata, a kaya gore bontsi ja banni bo dirisa megala ya letheka e e tlhokang go tlopelwa molelo gangwe le gape. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : Ikongwe

Event : Potsolotso

Date : 23 Mar 2016