DTC e abela sekolo sa Dkar P2 million
23 Mar 2016
Khamphani ya Diamond Trading Company Botswana (DTC) e abetse sekolo sa D’kar mo kgaolong ya Ghanzi P2 million.
E rile tona wa thuto, Dr Unity Dow, a amogela mpho eo a lebogela DTC go thusa sekolo seo. A re ba ne ba isa dikopo tsa dikolo ka bontsi kwa khamphaning eo mme ka lesego ba ne ba tlhopa sekolo sa D’kar gore ke sone se ba bonang go le botlhokwa go se thusa ba lebeletse maduo le letlhoko tla sone.
Tona Dow a re lephata la gagwe ga lena go tsamaya sentle go sena ba ba ka le thusang ka jaana lephata la gagwe le lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi.
A re lephata leo ke lone matlho a bone jaaka go jesa dikolo le go phakisa kapari ya sekolo.
Dr Dow a re o dumela fa sekolo sa D’kar ngwaga ono se tla ntsha maduo a botoka a lekwalo la bosupa morago ga dithuso tsa DTC.
Tona Dow a re sekolo gore sentshe maduo ke gore bogogi bo ema ka dinao gore bana ba sekolo seo ba kgone go fenya ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa.
A re batsadi le bone ba tshwanetse gonna le seabe se se ntsi mo thutong ya bana.
Tona a re madi ao a tsile go thusa thata mo tlhabololong ya sekolo seo, mme ebile o leboga fela thata gore ba kompone ya DTC gore ba tsaya sekolo seo mo dingwageng tse tharo.
Dr Dow a tswelela kagore diteemane di diretse lefatshe leno fela thata mme ebile go maleba gore abo ntse di tsweleltse ka go tlhabolola botshelo jwa Motswana.
Modulasetilo wa komiti ya DTC yoo okametseng lekalana lele thusang batho Rre Neo Moroka aba mpho eo a supa fa ngwaga ofetileng bane ba bona dikopo ka go farologana ele tsa dikolo mme batlhopa sekolo sa D’kar ntateng ya maduo a sekolo seo. A re maduo a sekolo seo anne a le ko tlase fela thata mo a otlusang botlhoko.
Rre Moroka a re thuso ya ntlha kef a bane ba agela sekolo sa D’kar primary school motlobo wa dibuka. Are ba itlama ba thusa ka go apesa bana ba sekolo (provision of uniform), le go jesa bana ba sekolo (provision of meals) le ka kapari ya tsa metshameko.
Rre Moroka a re batsere sekolo seo mo dingwageng di le tharo go bona gore mo dingwageng tse tharo tseo se tsele go dira jang mo ditlhatlhobong tsa lokwalo lwa bosupa ka jaana ele one a bagwetlhile gore ba se tseye.
A re thuto kana ke yone tsela le boamaruri mo lefatsheng leno, a re banana ga basa rutega itsholelelo ya Lefatshe leno etla wela tlase. A re thuto e botlhokwa mo botshelong jwa Motswana mongwe le mongwe ka jaana ke yone e ka hemang lehuma.
E rile mopalamente wa Kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, a ntsha malebo a kopa kompone eo go tswelela ka mowa o montle oo, ebile ba rotloetse dikompone tse dingwe go tla go thusa mo kgaolong ya Gantsi.
Mopalamente o supile fa banni ba D’kar ba le lesego ka gore gompieno sekolo sa bone se thusetswe ka madi a tsileng go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Kabo Dimpho
Date : 23 Mar 2016






