Breaking News

Molefe o kgalela batsadi go ipata ka puso

22 Mar 2016

Kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Tshikinyega Two kwa Mahalapye, Rre Ditsotlhe Molefe, a re batsadi ba  tlogele go iphitlha ka mmuso, ba re ga o ba letlelele go otlhaya bana ba bone ka thupa.

Kgosi Molefe o buile mafoko a kwa bokopanong jwa dikgosi le lekalana la Men Sector la kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng.

Rre Molefe o boletse fa puso e se kgatlhanong le go otlhaiwa ga bana mme e le kgatlhanong le go otlhaya ngwana mo go feteletseng mo go felelang go bakile dikgobalo, a tlatsa ka gore ga go na motsadi ope o o  kganelwang go otlhaya ngwana wa gagwe fa maitsholo a gagwe e se a a kgatlhisang.

A re batsadi ba tshaba bana ba bone mme ba batla go ipata fela ka mmuso ba re ga o letlelele go otlhaiwa ga bana.

A  re go bo maitsholo a bana a sa kgatlhise ke ka go bo batsadi ba repisitse kgotsa ba fokoditse go otlhaya bana ba bone.

A tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore ba busetsa bana ba bone mo tseleng.

A re go a tshwenya go bo batsadi ba leseleditse bana ba bone ba sa ba kgalemelele maitsholo a bone a a makgaphila.

A re go tlhoka go otlhaya bana ga batsadi go dirile gore bana ba laole le bone batsadi ba bone tota.

O tsweletse ka go tlhalosa fa batsadi ba kgona go tsiediwa ke bana ba bone ba ba rekela dimpho go ritibatsa maikutlo a bone gore batsadi ba ba letlelele go dira dilo tse di sa kgatlhesing jaaka go ratana. A re batsadi ba tshwanetse go ikgakologelwa ba ema ka dinao ba tsaya maikarabelo a go bona gore ba busetsa bana ba bone mo tseleng e e leng yone.

Rre Molefe o boleletse dikgosi tsa motse oo gore le bone ga ba a tshwanela go batla go ipata ka gore ga ba na dithata.

A re go tlhoka dithata ga go reele gore ga ba kake ba kgalema maitsholo a e seng one a tlatsa ka gore fa batsadi ba itela mo go bone ka maitsholo a bana ba bone ba tshwanetse go tsaya kgato ba otlhaya ngwana yoo ka fa go tshwanetseng ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Ntlotlang

Location : Mahalapye

Event : Bokopano

Date : 22 Mar 2016