Breaking News

Lephata le dira ka natla

22 Mar 2016

Modiri mo lephateng la tsa botsogo le tikologo, Rre Kaone  Thibelang, o boletse fa  lephata la gagwe le dira ka bojotlhe go tlhomamisa gore Batswana ba nna mo tikologong ee nametsang, ba ja dijo tse di siametseng botsogo jwa motho e bile ba nwa metsi aa siameng.

 Rre Thibelang o tlhalositse bosheng kwa kgotleng ya Mmaseetsele kwa Moshupa fa matlakala a tshwanetse go isiwa kwa a tshwanetseng go nna teng.

A re matlakala a tshwanetse a latlhelwa mo ditankeng a bo a tsewa ke ba ba tshwanetseng.

A re batho ba le mokawana ba tshuba matlakala mme go kgotlhele phefo le loapi fa bangwe ba a phutha sentle mme morago ba a beye fa thoko ga tsela mme diphologolo di a gasegase le tikologo.

O boletse fa lephata la gagwe le tshwentswe ke batho bangwe ba a reng ba tshololela diole tsa dikoloi mo mmung mme di felele di kgotlela metsi a a kafa tlase ga lefatshe. 

 A re lephata le tsena gangwe le gape mo mabentleleng go tlhola bagwebi ba ba rekisang dijo le dino go netefatsa fa di siametse botsogo jwa motho.

Rre Thibelang a re ba ikemiseditse go lwantsha ditshidinyana tse di ka kgotlelang tikologo tse di tshwanang le mafele, monang, ditsitsiri le dipeba mo malwapeng.

Mongwe wa batsena phuthego, Rre Baeti Kesenye, o  ngongoregile ka koloi ya matlakala e  a reng e kgona go fetisa kgwedi e sa tseye matlakala; selo e a reng  se ba baya baagi kafa mosing.

E rile fa a araba, Rre Thibelang o ne a supa fa ba dirisa koloi ele nngwe fela ka jalo go nna le bothata fa e  senyegile. 

O tlhalositse fa e tlare ngwaga wa madi wa 2016/2017 o simolola, ba romelele dikompone tse di ikemetseng go tsaya matlaka mo malwapeng le mo dikgwebong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thabang Tlhomamisang

Location : Moshupa

Event : Phuthego

Date : 22 Mar 2016