Go itse ka ditirelo go botlhokwa
22 Mar 2016
E rile bosheng kokelo ya Mahalapye ya tshwara phuthego e e bidiwang Botsogo Pitso kwa Mmaphashalala mo kgaolong-potlana ya Mahalapye.
Fa a bua kwa phuthegong eo, mothusa moanamisa mafoko wa kokelo ya Mahalapye, Mme Lebogang Kebatho, o ne a tlhalosa gore maikaelelo a diphuthego tsa mofuta o ke go bolelela setshaba ka ditirelo tsa botsogo tse ba ka di bonang fa ba ile dikokelong tse di mo tikologong ya Mahalapye.
O ne a tlhalosa gore phuthego e batho ba tshwanetse go itse ka ditshwanelo tsa bone fa ba tsena mo dikagong tsa botsogo.
A re fa motho a sa tseega sentle kana a sa thusiwa sentle o tshwanetse go isa ngongorego ya gagwe kwa bagolwaneng ba mooki yoo go na le go tlola dikgato tse dingwe tsa go ikuela.
Mme Kebatho o tlhalositse fa batho bangwe ba tsaya dikgang ba di isa kwa lephateng la botsogo kwa Gaborone ba tlola batho ba ba okametseng mooki yoo, mme a re sebe sa phiri ke gore kgang ya go nna jalo e tlaa bo e boela kwa go bone.
O ne a kopa banni ba Mmaphashalala go tsaya dikgato tse di beilweng go na le go tlola tse dingwe fa ba ikuela.
Mme Kebatho a re letsatsi la go bolelela batho ka ditirelo le thusa thata ka gore badiri ba nna le nako ya go abelana dikitso le megopolo le setshaba mabapi le mananeo a botlhokwa ka seemo sa botsogo ka kakaretso.
Fa a tswa la gagwe,Kgosi Captain Bagatiseng wa Mmaphashalala, a re o leboga thulaganyo e ya botsogo pitso ka gore e fa batho sebaka sa go bua ka matshwenyego a bone mabapi le tsa botsogo.
O ne a kopa ba sepatela sa Mahalapye go atumetsa ditirelo tse dingwe jaaka tsa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana.
O ne a kgothatsa morafe wa gagwe go dirisa ditlamelo tsa botsogo tse di teng mo kokelwaneng ya bone ka tlhwaafalo.
Banni ba ne ba akgola mooki wa kokelwana ya motse oo ba re o dira tiro ya gagwe ka boineelo le botswapelo ka dinako tsotlhe fa ba batla thuso ya gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : Mmaphashalala
Event : Phuthego
Date : 22 Mar 2016






