Phokoje go tshela yo o dithetsenyana
21 Mar 2016
Batswana bangwe ba sa ntse ba ikaegile ka mowa wa go itirela ka diatla.
Monni mongwe kwa Tsabong, Mme Pako Sekokodi wa dingwaga tse di masome a marataro o boletse mo potsolotsong bosheng, fa a sa ipone tsapa mo go itshetseng ka diatla tsa gagwe.
E re le ntswa puso ya Botswana e otlolotse letsogo ka mananeo a a farologaneng a nyeletso lehuma Batswana bangwe ba itirela ntle le dithuso dipe jaaka Mme Sekokodi, ka jaana a na le lorato mo go se a se dirang e bile a itlamile gore o tlaa dira ka natla go ntsha maduo mo tirong ya gagwe.
Mme Pako o tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2014 a simolola kgwebo ya gagwe ya go roka diphate ka matsela a a farologaneng jaaka mateisi. O boletse fa a dira diphate tse di ka dirisiwang mo ditirong tse di farologaneng jaaka go kgabisa mo malwapeng le go ala fa pele ga kgorwana ya ntlo.
O supile fa go nna matlhagatlhaga, go dira tiro ya gagwe motlhofo, ka gore tiro e ya gagwe a sa e ela sekoleng go e ithuta, a re o lemogile fa tiro e e le mpho fela go tswa kwa Modimong. O boletse fa theko e se e e nametsang mme a seke a lala ka tlala ka letsatsi lepe, ka a kgona go dira dithebenyana tse a ka rekang sengwe.
O boletse fa a lebaganwe ke dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, ka gore o dirisa didirisiwa tse di farologaneng di tshwana le matsela a mateisi, masang, le ditlhale tsa mebala e e farologaneng mme ba tlhoka kwa ba ka di rekang teng mo Tsabong, mme a gatelela gore ga a ipone tsapa ka jaana a na le lerato mo go se a se dirang.
Mme Sekokodi o boletse fa a itemogela kgolo mo tirong ya gagwe go tswa ka ngwaga o a simolotseng ka one go tsena monongwaga, le fa go ntse jalo Mme Sekokodi o ne a supa fa a tlaa ya go kopa dithuso kwa pusong ka a tlhoka didirisiwa di tshwana le dimechine, ka di ka tlhofofatsa le go tokafatsa tiro ya gagwe fela thata.
O ne gape a tlhalosa gape fa a na le bokgoni mo ditirong tse dingwe tse di tshwanang le go kgabisa matlo a Setswana, o na le lorato gape mo thuong ya dikoko, dipidipidi, dipodi le tse dingwe.
O kgothaditse bomme ba bangwe go ema ka dinao go nna pelotelele le gone go rata ditiro tsa diatla ka di ka tshetsa malapa a bone, le gone tlhamela ba bangwe ditiro. “Botshelo bo thata, tlala e tsentse letsogo, mokuduwe go tsosiwa o o itekang, inaakanye le mananeo puso a nyeletso lehuma, re ipela ka ditiro tsa diatla mo lefatsheng la rona, e bile mosadi tshwene o jewa mabogo,” ga tlhalosa Mme Pako Sekokodi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Amogelang Baikgantshi
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 21 Mar 2016






