Mokgethe o rotloetsa baithuti go dira ka natla
21 Mar 2016
Lephata la thuto, e rile kgwedi eno e tlhola gararo, ba bo ba tshwere moletlo wa go abela baithuti ba ba dirileng sentle dikgele tsa ngwaga wa 2014.
Maikaelelo a kabo dikgele tse ke go kgothatsa baithuti go tswelela ba dira sentle, le ba ba sa dirang sentle go tsenya marapo dinameng mo nakong e e tlang.
Moithuti go tswa kwa sekoleng se segolo sa St Joseph kwa Kgale, Rre Bosa Mokgethe rotloeditse baithuti ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane go nna le ditoro le tebelopele mo dithutong tsa bone, ka seo se ka thusa thata mo katlegong le go ipetlela bokamoso jo bo siameng mo isagong.
Rre Mokgethe o buile se bosheng mo Tsabong mo letsatsing la kabo dikgele tsa baithuti ba ba dirileng bontle mo maduong a lokwalo lwa bosupa le mophato wa boraro mo dikoleng tse di mo kgaolong ya Kgalagadi ka ngwaga wa 2014.
Rre Mokgethe yo o neng a le mongwe wa ba ba gaisitseng Botswana jotlhe mo dithutong tsa sekole se sebotlana le se segolwane, o itlamile go tswa ka tse di tsididi mo maduong a mophato wa botlhano, ka jaana a na le tebelopele le ditoro mo botshelong, jalo he a rotloetsa baithuti ka ene go bereka ka thata gore ba tsoge ba itshetsa, ka mofufutso wa diphatla tsa bone.
Moithuti yo mo mafokong a gagwe jaaka e ne e le sebui sa tlotla sa letsatsi leo, o ne a tlhalosa fa go tlhwaafalela dithuto le go ikitaya ka thupana go le botlhokwa ka go ka tsisa maduo a a kgatlhisang, a gatelela thata gore ntleng le thuto ga go na botshelo.
Moithuti go tswa sekoleng se segolwane sa St Joseph o ne a gwetlha baithuti ba bangwe go inaakanya le tsa maranyane a internet ka a sedimosa tsotlhe tse ba tlhokang go di itse mo go tseneletseng mo go tsa thuto.
O ne a supa fa kgaolo ya Kgalagadi e le nngwe ya dikgaolo tse di sa ntsheng maduo a a kgatlhisang mme a kopa batsadi le barutabana go nna seopo sengwe le gone go tshwaraganela thuto ya bana ba bone gore maduo a tle a tokafale le ntswa go na le dikgwetlho tse di leng teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Amogelang Baikgantshi
Location : Tsabong
Event : Kabo Dimpho
Date : 21 Mar 2016




