Breaking News

Banana ba Butale ba lebela pele

21 Mar 2016

Banana ba Butale ba supile fa ba eletsa go bona matshelo a bone a fetogile ka ngwaga wa 2036.

Moemedi wa banana kwa moletlong wa kamogelo ya molelo wa kgolagano ka Labone, Mme Lucia Mojeremani o boletse fa ba eletsa gore ka ngwaga oo, dikgwetlho tsa botsogo di akararetsa malwetse a a sa tshelanweng di bo di sa tlhole di le teng.

Mme Mojeremani o kaile gape fa banana ba ikiteile sehuba go tlhomamisa gore ka ngwaga wa 2036, banana ba lefatshe leno ba bo ba eme ka dinao go dibela botsogo jwa bone kgatlhanong le go ka angwa ke malwetse a a ka thibelwang.

A re sengwe gape se ba eletsang go bona se sa tlhole se tlhorontsha motho ope mo lefatsheng leno ke kgokgontsho ya mo malwapeng, a tlhalosa fa ba tlaa dira go bonala go rotloetsa mowa wa go kgathalelana ga mmogo le go sirelatsana mo Batswaneng.

O bile gape a supa fa ba eletsa gore ka ngwaga oo go bo go sena Motswana ope yo o senang bonno jo bo siameng.

Mo ntlheng e sele, monana yoo o ne a ikuela mo pusong ga mmogo le botlhe ba ba nang le seabe mo tsamaisong ya merero ya thuso go tlhomamisa gore fa tebelopele e e rulaganyediwang e e tlaa welang gone ka ngwaga wa 2036, thuto ya lefatshe leno e bo e fetogile go ka a fa bana dikitso ka go ba ruta go dira ka diatla.

A re thuto ya mothale oo ke tsela nngwe ya go suga baithuti gore e re morago ga go wetsa dithuto tsa bone ba bo ba ka ipulela dikgwebo gore ba tle le bone ba nne le seabe mo go direleng Batswana ditiro.

Fa a amogela baeng fa tiro e simologa, Kgosi Grace Butale wa motse oo o ne a lebogela seabe sa molelo wa kgolagano mo go tshwaraganyeng merafe ya lefatshe leno.

Kgosi Butale o ne a tlhalosa fa tshwaragano e le botlhokwa thata ka jaana batho ba ba tshwaraganeng ba kgona go fitlhelela sepe se ba ka eletsang go se dira. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Butale

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 21 Mar 2016